BIRRO e tshwenngwa ke seemo sa borukutlhi
05 May 2019
Ba Mokgatlho o o sidilang maikutlo a ba ba kileng ba tsena mo kgolegelong wa Botswana Institute of Rehabilitation and Reintegration of Offenders (BIRRO) ba re ba tshwentswe ke go tlhoka tsebe le borukutlhi jo bo tsweletseng ka go kekela mo bananeng ba Mahalapye.
Moeteledipele wa mokgatlho oo, Rre Mothei Sejakgomo o supile matshwenyego ao mo bokopanong le bogogi jwa Mahalapye ka Labobedi.
A re ba lemogile fa go na le mafelo mangwe mo Mahalapye a e leng boremelelo jwa ditiro tsa borukutlhi ga mmogo le tiriso ya ditagi tse di senyetsang banana ba le bantsi bokamoso.
“Re etela Mahalapye kgapetsakgapetsa re dira maiteko a go lwantsha seemo se mme re lemogile fa dirukutlhi di kgobera kagiso mo motseng o,” ga tlhalosa Rre Sejakgomo.
Le fa go ntse jalo, Rre Sejakgomo o lebogile seabe sa boeteledipele jwa Mahalapye le makalana ka go farologana ka go senogile gore ba itlamile go lwantsha borukutlhi, thekiso le tiriso ya ditagi.
O supile fa kereke e le seikokotlelo mo go ageng bana ba ba boikarabelo e bile ba sa amane le ditiro tsa borukutlhi.
Ba BIRRO ba ne ba tshwere kampa ya lebaka la kgwedi mo Mahalapye bosheng ba suga maikutlo a banana ba ba tshwakgotsweng ke tiriso ya ditagi le ba ba inaakantseng le ditiro tsa borukutlhi.
Rre Sejakgomo a re sengwe sa dilo tse ba di dirileng ka nako ya ba le mo kampeng mo Mahalapye ke go buisa baithuti ba dikole tse dikgolwane jaaka sa Pekenene le Mahalapye.
A re maikaelelo a seo e ne e le go ruta bana gore ba ikgaphe mo mekgweng e e ka ba raelang mo tirisong ya ditagi le go dira ditiro tsa borukuitlhi.
A re BIRRO e tshwenngwa ke go bona dipalo tsa badira molato di tsweletse ka go oketsega, segolo bogolo banana, bangwe ba bone ba santse ba tsena dikole.
Mongwe wa banana ba ba neng ba tseneletse kampa eo, Caroline Piti wa dingwaga tse di lesome le boupa o gakolotse fa ditagi di senya bokamoso.
A re o lebogela go bo a kgonne go inoga mo tirisong ya ditagi.
“Ditagi le bojalwa di gogela thaelong,” ga tlhalosa Mme PitiCaroline.
O supile fa go le botlhokwa gore bana ba reetse dikgakololo tsa batsadi.
Mo mafokong a gagwe a go leboga BIRRO, mokhanselara wa Mahalapye Bokone, Mme Julia Miranda o supile fa setshaba ka kakaretso se lebanwe ke namane e tona ya tiro ya go lwantsha borukutlhi le tiriso ya ditagi.
A re mekgatlho e tshwana le wa BIRRO e botlhokwa, ka jalo ba tlhoka thotloetso ya boeteledipele go ntsha maduo.
Mokhanselara Miranda o rotloeditse mokgatlho wa BIRRO ka P1 000 gore ba nonofe go dira tiro ya bone.
O ne a tlatsa ka go re maikaelelo a gagwe ke go tshwaraganela le bone tiro ya go lwantsha borukutlhi le tiriso ya ditagi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : MAHALAPYE
Event : Bokopanong le bogogi
Date : 05 May 2019