Metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi
05 May 2019
Tona wa peeletso papadi le madirelo, Mme Bogolo Kenewendo a re kgaolo ya Kgalagadi e na le monyetla o montsi wa go tlhama dikgwebo, bogolo jang ka e le boremelelo jwa loruo.
Tona Kenewendo o gwetlhile banni ba Kgalagadi Borwa go ema ka dinao go inaakanya le go itshimololela dikgwebo ka jaana metlhala ya khumo e le mentsi e tlhoka baletedi fela.
Are seo se ka thusa go tokafatsa itsholelo ya Batswana gongwe le gongwe fa ba leng teng.
Tona Kwenewendo o buile jaana ka Labotlhano mo Tsabong mo letsatsing la go simolodisa lenaneo la Metlhala ya Khumo le ka lone lephata la gagwe le ikaelelang go bontsha, go ruthuntsha le go rotloetsa Batswana ka dithuso le ditirelo tsa lephata la peeletso papadi le madirelo go tlhomamisa gore itsholelo ya Motswana mongwe le mongwe e a tokafala.
O ne a tlhalosa fa lephata la peeletso papadi le madirelo le tlhaelelwa ke diofisi mo lefatshe ka bophara, a re seo se kokonela Batswana ka ba felela ba latela dithuso kwa ditoropong.
Tona a re ke sone se lephata la gagwe le boneng go le botlhokwa go itshwaraganya le maphata a puso a akaretsa la dikoporase le a mangwe a le lesome le bongwe a a ikemetseng a akaretsa CEDA, LEA, BDC le BOBS maikaelelo e le go tshwaragana le go thusana ka maele le dithuso tse di farologanyeng.
A re go tla go simolodisa Metlhala ya Khumo mo Tsabong go botlhokwa ka a ne a tla a patilwe ke bagolwane ba maphata le makalana a a ikemetseng go tla go ruta Batswana gore ba kgone go tlhaloganya ka fa a berekang ka teng le dithuso tse ba ka di akolang mo go one.
E re ka jaana ditlhaloso le dithuto e ne e le matsorotsoro mo letsatsing leo go tswa mo maphateng le makalana a a ikemetseng, mogolwane go tswa CEDA Rre Andrew Madeswi o ne a tlhalosa fa e setse e na le dingwaga di le lesome le botlhano e ntse le teng.
O boletse fa maikaelelo magolo a CEDA e le go tlhabolola mowa wa bogwebi ka madi go tlhamela Batswana dikgwebo.
Rre Madwesi a re e re le ntswa ba otlolotse letsogo go thusa Batswana, se se swabisang ke banni ba Kgalagadi ka ba le maoto a tshupa go ikopela dithuso.
A re ba setse ba thusitse Batswana ba le 1 100 ka P466 million mme mo mading ao banni ba Kgalagadi Borwa ba dirisitse fela P7 million ka dikgwebo di le lesome le bongwe.
O ne a rotloetsa banni ba Kgalagadi Borwa go inaakanya le lenaneo la Mabogo Dinku ba ipopile ditlhopa ka go lebega le ka nowa moro ka le setse le tlodisitse Batswana ba le bantsi dinokana di tletse.
Mme Malebogo Morakaladi, mogolwane go tswa kwa Botswana Investment and Trade Centre o ne a tlhalosa fa lekalana la bone e le go ngoka bagwebi go tswa kwa ntle le mo Botswana, kgodiso ya dikgwebo le go ba batlela mmaraka.
Go le pele fa a amogela baeng Kgosi David Toto II o ne a kopa tona wa peeletso papadi le madirelo go buisana le boeteledipele jo bo lebaneng ka tsela ya Tsabong/Kuruman kwa Afrika Borwa e e ralalang molelwane wa McCarthy’s Rust gore e tshelwae sekontere ka e ka tshusa bagwedi ba Kgalagadi Borwa mo tokafatsong ya itsholelo ka go ba tlhofofaletsa mo thekong ya dithoto kwa lefatsheng leo.
Mongwe wa bagwebi ba Tsabong yo o thusitsweng ka lenaneo mo lephateng la MYSC Mme Boitumelo Masilo wa madirelo a BOSE a a rekisang dijo o ne a leboga ba lekalana la LEA, a supa fa ba mo thusitse ka go mo tlhatlhelela dithuto le maele go tlhomamisa gore kgwebo ya gagwe e a gola le ka fa e tsmaisiwang ka teng go fitlhelela e nna mo seemong se e leng mo go sone gompieno.
Tona Kenewendo o ne a gape a ya go lekola kgwebo e e dirang borotho kwa motseng oo le gone go tshwara phuthego le banana ba kgaolo eo mabapi le go itshimololela dikgwebo le gone gore ba buisane ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone le go tswa ka ditharabololo.
A re seo se ka ba thusa go itshetsa le gone go itlhabolola ka e le bone ba ba kokonelwang ke manokonoko a letlhoko la ditiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : CAthrine Simane
Location : TSABONG
Event : Metlhala ya khumo
Date : 05 May 2019