Breaking News

Palapye o tlaa agelwa dikole di le tharo

05 May 2019

Go tlaa agwa dikole tse dipotlana di le tharo mo kgaolong ya Palapye.

Go buile jalo Mopalamente Moiseraele Goya yo o neng a buisa phuthego bosheng, o ne a araba ngongora go tswa banning ya gore maduo a bana ba dikole tse dipotlana ga a jese diwelang.

Ba re se se dirwa ke gore ba tsaya mesepele e meleele go ya sekoleng.

Rre Goya a re dikole tse di ntsha tseo di tlaa fokoletsa bana mesepele.

Banni ba ne ba bolelela mopalamente ka borukutlhi jo bo ileng magoletsa, bogolo jang jwa tiriso botlhatswa ya bana ba basetsana.

Ba bua jaana ka go bo mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosetsanyana mongwe a neng a dirisiwa botlhaswa ke monna  mongwe a bo a mo keteka.

Mapodisi a supile fa a ipapanne go lwantsha dikgang tseo ka go tlhoma setlhopha sa makolwane le maroba a motia go itepatepanya le borukutlhi joo.

Mokhanselera wa Mmaphule Bophirima Mme Segametsi Ralegoreng a re seemo seo se ngomola pelo.

 O ne a supa batsadi ka monwana a re ba na le seabe mo ditirong tse di maswe tseo ka ba itlhokomolositse kgodiso le kgolo ya bana.

A re tiriso ya bana botlhaswa le dipetelelo di diragalela bogolo jang bana ba dingwaga tse di kwa tlase.

 O ne a supa fa ngogola a ne a tsaya matsapa a go itebaganya le bana ba ba sailang mo mekgwatheng.

A re kgato eo e ne ya nna le maduo ka bangwe ba bana ba ne ba kgona go boela sekoleng.

A re seemo se se phatlola pelo ka se bakwa ke majalwa a batsadi ba bana bao ba a dirang, mme e bile gape a oka dirukutlhi.

Mogolwane wa tsa thuto Mme Neo Kubuetsile o ne a supa fa lephata la gagwe le dira ka gotlhe go godisa ngwana go tsamaelana le thuto.

O tlhalositse fa go na le lenaneo la go isa maduo kwa setshabeng le gone go tlhabolola thuto kwa malapeng, le go rotloetsa boitshwaro jo bo siameng ka go inaakanya le mekgatlho e tshwana le ya bosupatsela e e rutang bana maitseo le setho.

Banni gape ba ne ba supa matshwenyego ka tiego ya go ajwa ga ditsha kwa Extension 11, ba re go didimetswe fela ntswa ba ne ba solofeditswe gore kabo ya ditsha e tlaa dirwa di sena go tsenngwa ditirelo.

Ba re jaanong lefelo leo le fetogile mafudiso.

Ba ne ba ngonorega gape gore ditsha tsa bone di mo selokong mme ka dinako tsa dipula ga ba kgone go tswa mo malapeng.

Ba kopile go letlelelwa go dirisa ditsha tse di seegetsweng fa thoko ke ba lephata la kabo ditsha ka di oka magodu le gore beng ba ditsha tse di sa tlhabololwang ba batlwe ka gore di medile ditlhare mme le tsone di ba okela magodu.

Fa a araba, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Palapye Rre Joseph Mokgethwa o ne a re kabo ya ditsha tsa Extension 11 e simologile mme go supega fa bontsi jwa baikopedi ba setse ba abetswe lefatshe.

O tlhalositse fa ba se kake ba abelwe ditsha gape kwa Extension 11 mme di ya go abelwa ba ba senang ditsha gotlhelele.

Ka ditsha tse di seegetsweng fa thoko, o rile banni ba ka di dirisa ka nako e ba nang le ditiro di tshwana le manyalo, kana dintsho ka ditsha tsa bonno di le dinnye fela thata.

Ka kgang ya go dutla ga dipompo, mogolwane wa metsi Mme Daphne Motsumi o boletse fa koporase ya gagwe e na le dinomore tsa megala tse di lelediwang mahala tse morafe o ka di dirisang go bolela fa dipompo di dutla.

O ne a ba a bolelela dinnomore tsa go nna jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 May 2019