Breaking News

Molemisi o rotloetsa balemi go ikanya lablab

02 May 2019

Molemisi wa Tsabong, Mme Mpontshang Podisi, o gwetlhile balemi barui kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa go lema lablab ka go supega fa e dira sentle kwa kgaolong eo.

O ne a gakolola balemi go ipopa ditlhopha gore ba tle ba akole mananeo a puso a a farologanyeng le go reka motshine o o silang lablab go dira dijo tsa leruo.

Mme Podisi o ne a akgolela balemi ba Omaweneno, Maralaleng le Kisa go ema ka dinao go tlhomamisa gore bana ba bone ga ba wele mo isong.

A re o ne a etese masimo go abelana le balemi barui dikitso tse ka tsone ba ka kgonang go tlhabolola temo le go itepatepanya le seemo sa loapi.

A re dijwalo tse di siametseng mmu wa kgaolo eo ke dinawa, lablab, magapu le marotse.

Mme Podisi a re mmidi ga o kake wa dira sentle kwa kgaolong ya Kgalagadi ka o tlhoka metsi a mantsi.

Ke sone se a neng a gakolola balemi go emisa go lema mmidi ka pula e le boutsana kwa kgaolong eo.

O ne a ba gakolola gape go dirisa mogoma oo hatolang lefatshe wa ripara ka o thusa dijwalo go tshegetsa bokgola lebaka le le leleele.

E re ka jaana bontsi jwa balemi ba supile fa ba tshwenngwa thata ke mohero, Mme Podisi o ne a ba kgothatsa go ya go ikopela chefi e e bolayang mhero kwa diofising tsa balemisi.

O boletse fa chefi eo e tshwanentse go dirisiwa ka fa go tshwanetseng ka teng, ka kgakololo ya balemisi.

Kgosi Sam Bimbo wa Omaweneno a re bontsi jwa banni ba motse oo ba itshetsa ka leruo le temo, mme a ba gakolola go tsaya tsia dithuto tsa balemisi.

Kgosi Bimbo o ne a supa fa balemi ba motse wa gagwe ba tshwenngwa ke bojang jwa tlolela jo bo kgoreletsang kgolo ya dijwalo.

Rre Nkele Lebang go tswa kwa lephateng la tlhabololo temo thuo le dijo o ne a rotloetsa banana go ema ka dinao go ipopa ditlhopha mme ba inaakanye le mananeo a puso go tlhabolola temo thuo go nna kgwebo.

Balemi ba le bane go tswa kwa masimong a Bokgetlo, e leng Mme Bokwaleng Gabankalafe, Mme Keodutse Tsietso, Mme Ntheetsang Simane ba ne ba segofala ka temo ya dinawa ka mo nakong ya gompieno ba setse ba bapetse morogo le dinawa.

Mme Akanyang Marutshe a re temo ya gagwe ya dinawa, mmidi, marotse magapu le lablab e a kgatlhisa mme ba solofetse go ora molelo wa mariga.

Mme Kgomotsego Motlopi go tswa kwa lekalaneng la BITRI, o ne a tlhalosa fa ba tshwaraganye le lephata la tlhabololo temo thuo le dijo, go ba thusa go batlisisa ka seemo sa loapi le go ntsha dijo tse di tlhaelang mo lefatsheng leno.

Mme Motlopi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa seemo sa loapi se tlhobaetsa, mme a supa fa ba tsamaya le lefatshe leno go ruta balemi le go ba fa dikgakololo go lema dijwalo tse di tlhabologileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Bokopano

Date : 02 May 2019