Breaking News

Kabo ya madi kabelelo - Goya

02 May 2019

Kabo ya madi a lefatshe e dirwa go beilwe mo dilong di le mmalwa jaaka kabelelo ya se se tlaa bonwang mo thekisong ya ditswammung le makgetho.

Mopalamente wa Palapye, Rre Moisareela Goya, o buile se mo diphuthegong tsa kgotla kwa Lotsane le di-extension. 

A re madi otlhe a kantsweng ke P67 billion, mme go kgonnwe go abelelwa fela mo go P60 billion, seo se supa tlhaelo ya P7 billion.

Rre Goya a re seo se baya Batswana mo seemong sa go dira ka gotlhe go godisa itsholelo ka ditsela tsotlhe tse ba ka dikgonang.

O supile fa puso e tshwengwa thata ke letlhoko la ditiro le lehuma, a tlatsa ka gore go pateletsa puso go ithola maphata mangwe gore a ikemele ka nosi, go rotloetsa theko ya dithoto tsa mogae le go oka babeeletsi ka go tlhofofatsa ditsamaiso tsa go nna le visa gore batle go tlhamela Batswana ditiro.

Rre Goya, yo gape e leng mothusa tona wa lephata la peeletso, papadi le madirelo, a re metse e le 111 e ya go gokelwa motlakase fa e mengwe e metona e ya go sielwe metsi.

O ile gape a lekodisa ka melao ya bogodu jwa leruo e e ga gamaditsweng le phokoletso ditlhotlhwa tsa dijo tsa leruo.

Mopalamente Goya o ne gape a lekodisa banni ka tse di buisantsweng kwa phuthegong ya palamente ee sa tswang go wela.

Dingwe tsa tsone ke mogopolo oo amogetsweng wa gore go seka ga dirisiwa motshine oo tlhophisang ka ditlhopho tsa setshaba.

A go ne ga nna le tshutiso e e neng e kopa gore tautona wa lefatshe a tlhophiwe ke setshaba fela jaaka mapalamente le makhanselera, mme e ne ya dumelanwa.

O tlhalositse fa tumalano eo e raya go le gontsi ka e ama molao motheo, mme go tlhoka therisano le Batswana pele seo se ka dirafadiwa. 

O ne a supa fa go tshwenya gore Batswana ba ba ikwadiseditseng omang lefatshe lotlhe, ba feta 22 000, ba bo ba sa ya go tsaya bo omang ba bone. 

A tlatsa ka gore kwa Palapye fela a le nosi, batho ba le 1 664 ga ba ise ba ye go tsaya bo omang ba bone.

Banni ba dikgotla tseo bane ba lekodisana le mopalamente wa bone ka ditlhabololo tsa Palapye, ba re ditlhabololo tsa maobo le tse dingwe di ba nametsa pelo, mme ba ikuela gore gongwe nako e tsile ya gore go seka sekwe go godisiwa ga dikokelwana.

Ba supile fa dituelo di nnile bonya tsa kgwedi eno, ba re seo se ba beile ka fa mosing mme ba kopa gore a khansele e ne e tsibogela go ba neela lemme leo ka nako. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 May 2019