Breaking News

Temo ya nosetso e ka tsosolosa Selebi Phikwe

01 May 2019

Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofho Molefhi, a re puso e ikaelela go dirisa lefelo la temo le le kwa Ralenyeletse go dira temo ya nosetso.

Fa a buisa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya gagwe bosheng, Rre Molefhi o tlhalositse fa puso e santse e baakanya lefelo le  mme fa le setse le siame go a go tlhokafala balemi ba ba tlhwaafetseng go dirisa lefelo leo go lema merogo.

A re lefelo leo le le diekere tse di lekgolo le tla kgaoganngwa gore bontlha bongwe bo dirisiwe go dira ditiro tsa nyeletso lehuma, fa le le setseng le tla abelwa balemi.

A re temo ya nosetso e tlaa thusa go tlhamela banni ba Selebi Phikwe ditiro le go tsosa itsholelo ya mo malwapeng le ya toropo.

Rre Molefhi o kopile dikhamphane tse di ikemetseng tse di ka fa tlase ga lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo, gore ba bitse bokopano jo mo go jone ba tlaa thusang banni ba Selebi Phikwe ka maano a go tsena mo dikgwebong.

A re phuthego eo e santse e baakanyediwa mme a kopa banni ba toropo eo go e tsena fa nako ya teng e setse e gorogile.

Fa a bua ka batho ba ba nnang kwa lefelong le le itsegeng ka Ralenyeletse, Rre Molefhi o boletse fa puso e ne ya phimola banni ba koo dikeledi ka nako ya fa puso e tsaya lefatshe le ba neng ba nna mo go lone.

A re ka nako eo phimolo dikeledi e ne ele kwa tlase mme fela puso e ne ya diragatsa molao ka go ba phimola dikeledi.

A re batho bao ba santse ba tlogetswe go nna mo lefelong leo ka puso e santse e sena madi a go le tlhabolola.

Rre Molefhi o kopile lephata la ditsha go sekaseka fa le ka se bone lefelo le batho ba ba ka isiwang ko go lone.

Mo go tse dingwe o lekodisitse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse fa puso e tsweletse ka go tsenya ditlamelo tsa metsi, motlakase, ditsela le tse dingwe mo ditsheng tsa dikgwebo gore ba ba eletsang go dira madirelo kwa Selebi Phikwe ba seka ba sokola.

A re puso e lemogile fa go tlhoka go tsenya ditsha tsa dikgwebo ditlamelo go dira gore dilo di tsamae ka bonya mo babeeletsi ba felelang ba itlhoboga mme ba ye go beeletsa kwa mafatsheng a sele.

A re dingwe tsa ditsha tseo di tlaa fediwa monongwaga fa tse dingwe di tla felelediwa morago.

Rre Molefhi o ne gape a lekodisa dikomiti ka dipaakanyo tse di dirilweng mo molaong wa bogodu jwa leruo, mme a ba rotloetsa go ikgapha mo bogodung ka bo ka tloga ja ba tsenya mo mathateng.

Fa ba tswa la bone maloko a dikomiti tsa ditlhabololo ba lebogetse  lenaneo la mapodisi la Kgomokhumo, ba re maduo a lone a bonala.

Mo godimo ga se ba lebogetse maiteko a puso e eletsang go a dira go tlhabolola matshelo a bone le itsholelo ya toropo ya bone e ileng ya amiwa ke go tswalwa ga moepo wa BCL.

Ba re temo e ka kgona go jesa banni ba Selebi Phikwe le mafelo a mangwe fa lefelo la Ralenyeletse le ka tsena mo tirisong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Selebi Phikwe

Event : Bokopano

Date : 01 May 2019