Breaking News

Mzwinila o itumelela seemo sa ditlhabololo

01 May 2019

Mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila, e rile bosheng a lekola dikago tse di agiwang ka lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP) le tsa madi a ditlhabolo tsa dikgaolo.

Ditlhabololo tseo di akaretsa matlo a borutelo a dikolo tse dipotlana tsa Mmadinare, kago ya matlo a sepodisi le matlo a boroko a barutabana.

Dingwe tsa ditlhabololo tse di neng di dirwa ka madi a dikgaolo ke kago ya loobo le go solofetsweng gore le bo le fedile ka kgwedi ya Phukwi.

Kago ya motlobo wa dibuka yone e setse e fedile, mme e mo seemong sa go rolelwa morafe, fa maobo a dikgotlana tse thataro tsa Mmadinare, one a setse a le mo tirisong, ga mmogo le lefelo le le tsadisetsang ditlhapi.

E rile a tsibogela ka fa ditlhabololo di tsamayang ka teng, Mopalamente Mzwinila, yo gape e leng tona wa lephata la tsamaiso merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe, a tlhalosa fa a itumelela ka fa a bonang dikonteraka di tshwereng tiro ka teng. 

A re bontsi jwa bone ba kgonne go wetsa tiro ka nako e e dumalanweng.

Rre Mzwinila a re ESP le madi a dikgaolo a dirile gore ditlhabololo di dirwe ka bontsi kwa motseng oo, a supa fa go le motlhofo ka banni e le bone ba tshwanetseng go itseela ditshwetso gore ba batla go dira eng ka madi a kgaolo ya bone.

Rre Mzwinila o supile gape fa lephata la tlhabololo banana,metshameko le ngwao, le le mo lenaneong la go aga lebala la metshameko.

O ne a supa fa ba solofetse gore e re ka kgwedi ya seetebosigo kago ya lebala la metshameko la P5 million e bo e simolola. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Mmadinare

Event : Tekolo ya kago

Date : 01 May 2019