Breaking News

Ditholo di inisa banni ba Masingwaneng ka je

01 May 2019

Banni ba Masingwaneng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba re ga robatswe ke ditholo tse di uputsang masimo a bone.

E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale bosheng, ba tlhalosa fa ba ne ba lemile mo go kgathisang mme e ne ya re dijwalo di gola ditholo tsa dira go swela.

Banni ba kaile fa ditholo di tlola terata e ageletseng masimo mme di lale mo masimong a bone bosigo jotlhe. Ba re se se utlwisang botlhoko ke gore tshenyo e ke selo modiro ngwaga le ngwaga mme ga ba nke ba atswiwa ka sepe.

Ba re ba  santse ba tshegeditse ngwao ya go lema mme ditholo di ba tsenya mowa wa itlhobogo.

Bangwe ba buile fa mo dingwageng tse di fetileng ba kile ba bo ba lema thata mme ba robe thobo e nametsang mo ba neng ebile ba rekisetsa baba sa lemang.

Mo go tse dingwe banni ba re ba tshwenngwa ke leobo la kgotla ya bone le le tserweng ke phefo ngwaga o fetileng o fela mme ga ba bone thuso epe.

Ba ne ba supa fa mo nakong ya gompieno ba tshwarela diphuthego ka fa tlase ga ditlhare tse di mo kgotleng.

E rile a tsibogela matshwenyego a, mogolwane wa lephata la diphologolo le makgabisa naga kwa Masunga, Rre Malatsi Mamane a rotloetsa banni go lwantsha ditholo ka e se diphologolo tse di borai.

O kopile banni gore fa ba kopana le ditholo tse kwa masimong a bone, ba di bolae mme ba itsise kgosi yo le ene a tla bitsang lephata la diphologolo le makgabisa naga.

Rre Mamane a re balemi ba nne ba ya masimong le dintsa tsa bone segolo bogolo ka nako ya maitseboa go emela ditholo tse.

A re dintsa di tlaa kgona go ba thusa go batla kwa ditholo di nnang teng gore ba kgone go di leleka.

E rile a araba banni mabapi le leobo la kgotla, mokwaledi wa makgotla a Setswana, Mme Sinikiwe Matiha a supa fa go baakangwa ga maobo a kgotla go le mo maruding a morafe.

A re disanke tse di neng di ruletse leobo di sa senyega tsotlhe ka jalo morafe o ka di dirisa go busetsa leobo mo seemong.

Mme Matiha o ne gape a kopa banni go akanyetsa leobo le mo mading a ditlhabololo a dikgaolwana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : Masingwaneng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 May 2019