Tati Bophirima o leboga maiteko a puso
01 May 2019
Banni ba metse ya Botalaote, Toteng le Matenge, mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba lebogetse puso go tswa ka mananeo a dithuso aa farologaneng.
E rile ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla tse dineng di tshwerwe ke mopalamente wa bone, Rre Biggie Butale boaheng, ba tlhalosa fa ba itumelela Ipelegeng, nyeletso lehuma, Tirelo Setshaba le madi a bagodi, gareng ga mananeo a mangwe.
Banni ba re mananeo ao a thusa Batswana go itshetsa.
Ba ne gape ba lebogela puso go latlhela lentswana mo mading a bagodi, a badirela puso le a dikatso tsa tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse.
Le fa gontse jalo, ba ne ba itela kwa pusong go sekaseka go oketsa madi a lenaneo la Ipelegeng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Toteng, Mme Kebonang Oatlhotse o ne a kopa puso go netefatsa gore Ipelegeng e tswelela go ya go ileng.
O ne a gwetlha puso go thapa baithaopi ba tsa sepodisi le banana ba ba mo lenaneong la Tirelo Setshaba mo ditirong tse ba leng mo go tsone, ka jaana ba setse ba tlwaetse e bile ba dira tiro ya bone ka botswerere
Banni ba metse eo ka boraro, ba ne ba lebogela ditlhabololo dingwe tse di diragaditsweng le tse di tsweletseng ka go dirwa mo metseng ya bone.
Ba ne ba ikuela mo pusong go ba thusa ka ditlamelo dingwe tse di santseng di saletse kwa morago.
Mangwe a matshwenyego a bone ke tlhaelo ya barutabana mo dikolong tse di botlana le matlo a boroko jwa badirelapuso.
Banni ba Botalaote le Toteng bone ba ne ba kopa gore go simolodisiwe thulaganyo ya dithuto tsa bananyana kwa sekolong se sebotlana sa Legola.
Kgosi Kutlwano Matenge wa Matenge ene o ne a supa fa batho ba dikile ba lemile mme ka go tlhoka lesego pula e ne e le boutsana, a re ka jalo seo ke tlhagiso mo setshabeng go nna moko o thata go batla ditsela dingwe tsa go itshetsa le go fepa leruo.
Mopalamente Butale o ne a itsise banni ka melao mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng, a bo a ba itsese fa pego ya madi a setshaba e supile fa madi a puso e a phuthang ka metlhale e e farologaneng a oketsegile go se gonene.
Rre Butale a re seo se fa tsholofelo ya gore lefatshe leno le itharabologelwa ka bonya ka bonya mo kwelong tlase ya itsholelo e neng e apere mafatshe.
A re mme fela ba tshwanetse go itse fa ditlhabololo tse ba di eleditseng di ka seke tsa diragadiwa tsotlhe nako e le nngwe.
O ne a bolela fa lephata la thuto le la bosogo e le one a boneng serwe se segolwane mo kabong ya madi, mabaka e le go leka go tlhabolola matshelo a batho le go tlhomamisa gore botsogo jwa bone e nna jo bo itekanetseng ka dinako tsotlhe.
Mo go tse dingwe, mothusa tona o ne a gakolola banni ba Botalaote, Toteng le Matenge gore ba sekaseke buka ya batlhophi go netefatsa gore maina a bone a mo teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 May 2019




