Breaking News

Kgatlhegelang kgodiso ya ngwana

01 May 2019

Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, a re o tshwenngwa ke go bona borre bangwe ba sena kgatlhego ya kgodiso ya bana le melao e e sireletsang bana.

O buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Mahalapye bosheng.

Mme Tshireletso a re molao wa bana o ama merero le matlhotlhapelo a a diragalelang bana jaaka tiriso botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo le nno tagi.

A re 99 per cent ya dithubetso e dirwa ke borre.

Mme Tshireletso, yo gape e leng mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, a re bomme bangwe bone ba amega thata mo dikgannyeng tsa thekiso ya dinotagi,.

A re molao ga o letle bana go berekisiwa ditiro tse di bokete tse di ba fetileng, a re ba tshwanetse go rongwa mme mo go lekaneng dingwaga tsa bone,.

Mme Tshireletso o kaile fa go le botlhokwa gore batsadi ba itse tshwanelo ya bana.

A re batsadi le bone ba na le tshwanelo ya go kgalema bana ka tsela e e sa kgokgontsheng maikutlo a bana.

A re batsadi ba na le go lebala gore bana ba tshwara ditiragalo le dipuo tse ba di buisiwang ba sa le babotlana mme se se ba shakgatse mo kgolong ya bone.

Tshakgalo ya mofuta o, e ka fetola ngwana go nna mogolo yo o tlaa nnang ka go tsenya mosadi letsogo ka a godile a bona go dirwa jalo mo lwapeng kana a ne a betswa e le kgokgontsho.

“Go na le batsadi ba ba santseng ba gana ka tshwanelo ya go isa bana sekoleng le kwa mafelong a boitekanelo,” Mme Tshireletso a tlhalosa a bo a supa fa go le botlhokwa gore bana ba fiwe sebaka sa go ithuta ka thuto e le mosola go tlhabolola ngwana.

A re ngwana o na le tshwanelo ya go tlhokomelwa ke batsadi boo babedi le maina a batsadi botlhe a tshwanetse go nna teng mo setlankaneng sa matsalo a re se fa ngwana tshwanelo ya go nna le tlhokomelo ya bobedi.

Bana ba ba tsholwang kwa ntle ga lenyalo le bone ba na le tshwanelo ya go itse batsadi boo babedi.

A re leina le le sa tlontlololeng ngwana le lone ke tshwanelo ya ngwana. 

“Lesang go omana mme le ntshetse dikomano tsa lona mo go bitseng bana maina a a tlontlololang bana,” Mme Tshireletso a gakolola.

O kaile fa ngwana a tshwanelwa ya go sirelediwa ke mongwe le mongwe.

“Ope yo o tlaa sotlakakang tshwanelo mo go tse ke di nankotsweng o tlaa gatelwa dikgato, a duele madi a a kanang ka P5 000 go tsena kwa go P100 000 kana kgolegelo ya dingwaga tse supa kana tse di lesome,” a tlhalosa.

O tlhalositse fa thulaganyo ya go fa dikole tse dipotlana sefitlholo e tsweletse mme dijo tse ba tlaa di fiwang e le tse di nonotshang mmele.

Morafe o lebogetse tsela e mopalamente a e tsereng a sa ipone tsapa go berekela motse wa bone mme ba mo eleletsa masego le matlhogonolo mo botshelong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 May 2019