Trust e abela bana ba sekole
29 Apr 2019
Mokgatlho wa Dignity Trust Foundation o abetse bana ba sekole se segolwane sa Boikhutso mesangwana ya basetsanyana e le makgolo a mararo.
Mogokgo wa Boikhutso Mme Maria Nkganga o lebogetse mpho eo, a re e tlaa thusa ka bana ba sekole ba tshabelelwa ke go lofa ka malatsi a ba tsenang mo setswalong ka one, ka mabaka a go tlhoka mesangwana.
A re bana ba tlaa nna le seriti e bile ba tlaa tswelela ka dithuto sentle go sena se se ba kgoreletsang.
Mogolwane wa mokgatlho wa Dignity Trust Foundation Mme Mokgadi Nteta o ne a supa fa Dignity Foundation e kwadisitswe ka fa molaong ka 2013 mme e setse e abetse dikole di le some.
O supile fa ba tlaa tswelela ba tshwaragane le sekole sa Boikhutso go thusa bana ba basetsana ka ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi mme ba tlhoka go nna ba engwa nokeng fa go kgonagalang teng.
Mme Nteta o gwetlhile basetsana ba Boikhutso go tsaya boikarabelo jwa go dirisa mesangwana ka fa go tshwanetseng le go bona gore e e dirisitsweng di latlhwa ka tsela e e ka sekang ya kgotlela tikologo.
O ba rotloeditse go thusana, bogolo jang ka nako ya ba tsena mo setswalong,
A re se, se tlaa ba tiisa le go ba ruta gore e tsoge e nna bomme ba ba nang le boikarabelo.
E rile a bua mo boemong jwa basetsana Taffinah Motanzi o ne a leboga Dignity Trust Foundation go bo e bone go le maleba go ba abela dimpho..
Mme Motanzi o rotloeditse basetsana ka ene go itshepha le go nna le tumelo mo go se ba eletsang go nna sone mo botshelong, a supa fa e le bone bomme ba kamoso.
Kwa bofelong moemedi go tswa kwa ofising ya thuto mo Selebi Phikwe Rre Kenneth Mogapi o supile fa mo ngwageng bana ba basetsana ba tsaya malatsi a le masome matlhano ba sa ye sekoleng ka mabaka a a farologaneng mme gantsi e le one mabaka a letlhoko.
Rre Mogapi o ne a gwetlha dikhamphani tse dingwe go ititaya ka thupa go thusa fa go lebegang go na le letlhoko teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Kabo dimpho
Date : 29 Apr 2019




