Se rotloetseng bogodu jwa leruo
28 Apr 2019
Mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse a re puso e gagamaditse molao wa bogodu jwa leruo ka barui ba ne ba setse ba fetogile bahumanegi bakeng la bogodu.
Fa a buisa banni ba Mabeleapodi le Tshimoyapula bosheng, Rre Autlwetse a re molao o ne wa baakanngwa ka gore go na le batho ba ba ipoleletseng gore bone ga ba bereke sa bone ke go tsaya leruo la batho.
A re molao wa bogologolo e ne e re fa motho a utsule leruo, a bo a ka atlholwa dingwaga tse tlhano mo kgolegelong mme mo bogompienong fa motho a utswa e le lantlha, o ka atlholwa dingwaga tse tlhano go ya kwa go tse di lesome le bobedi go tswa fela gore moatlhodi o ka sekaseka jang kgang.
A re fa motho a tswelela le molato, dingwaga tsa kgolegelo di a oketsega supa gore ke sesenyi se se pelo e botlhoko.
Mopalamente a re fa motho a tshwarwa a rwele dinama ka koloi, e tlaa tsewa.
O gakolotse beng ba marekisetso a dinama go reka dikgomo ka tsamaiso, a re fa ba ka tswelela ba reka leruo la bogodu ba tlaa tseelwa diteseletso tsa go gweba ka nama.
Rre Autlwetse a re puso e lemogile fa ngwaga o e le wa leuba, mme ya bona go le botlhokwa go fokotsa ditlhwatlhwa tsa melemo le dijo tsa leruo ka 25 per cent go simolola ka Moranang go fitlha Seetebosigo.
A re Seetebosigo leuba le tlaa bo le gaketse mme ditlhwatlhwa di tlaa fokodiwa gape ka sephatlo mo lekgolong.
Mopalamente Autlwetse o kopile barui go rekisa dikgomo tsa dipholo gore ba kgone go rekela tse dinamagadi dijo.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya ditlhopho, Rre Norman Tshekiso o ne a bolelela banni gore ba ka tlhola maina a bone mo dikgotleng tsa bone, mme fa maina a bone a seyo go na le fomo e ba tlaa bong ba e tlatsa ba supa ngongora eo, mme a ba kopa gore ba dire jalo ka bonako gore ba kgone go thusiwa ka nako.
Banni ba Tshimoyapula ba ne ba ikuela ka khamphani ya Unik e e dirang tsela ya Tshimoyapula-Serule gore e hira batho ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go tsena kwa go tse di masome mararo le botlhano fela mme se, se ba baya ka fa mosing.
Ba ne ba kopa mopalalmente go latedisa kgang e.
Mopalamente o ne a abela sekole se sebotlana sa Mabeleapodi khombi le P10 000.
Khombi eo, e tlaa thusa bana ba ba nang le bogole ba Paje, Tshimoyapula, Mabeleapodi le Majwananadipitse go ya le go boa kwa sekoleng, selo se e ntseng e le kgwetlho ka batsadi ba bangwe ba ne ba sa kgone.
Mogokgo Alfred Ngwanabotho o supile ka khombi e imolotse batsadi morwalo.
A re bangwe ba ntse ba sa tsene sekole sentle ntateng ya go tlhoka se se ba isang sekoleng. .
Rre Ngwanabotho a re ba tlaa dirisa P10 000 go direla bana lefelo la itloso bodutu. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : MABELEAPODI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Apr 2019




