Breaking News

Ba dumalana le mopalamente

28 Apr 2019

Banni ba Moreomabele le Topisi ba dumalane ka go ajwa ga ditlhabololo mo metsing ya bone go dirisiwa madi a kgaolo ya bopalamente go lebeletswe letlhoko la metse.

Mopalamente Kgotla Autlwetse o supile fa ba ne ba kopanela morero le bogogi go buisana ka ditlhabololo tsa metse ya bone mme ba dumalana gore go agwe ofisi ya mogokgo kwa Moreomabele mo ngwageng ono wa madi, fa ya Topisi e tlaa emela ngwaga o o tlang.

Rre Autlwetse, yo e leng mopalamente wa Serowe Bokone gape e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o supile fa puso e tsere dikgato go gagamatsa dikatlholo tsa bogodu jwa leruo gore seo se fe barui sebaka sa go atisa leruo fa badiramelato ba santse ba le kwa kgolegelelong.

A re o tshwenngwa ke dipalo tsa batho ba kgaolwana ya Topisi/Moreomabele ba ba ntseng ba itlhokomolositse ikwadisetso ditlhopho, a re ga a itse se se ka tswang se ba kgopisitse.

Rre Autlwetse o ne gape a ama phokotso ya ditlhwatlhwa tsa dijo le melemo ya leruo go lebilwe leuba le le apesitseng lefatshe kobo ka letshobo.

A re puso e ne ya itlama go thusa balemi-barui ka go ba fokoletsa dijo le melemo ka 25 per cent ka Motsheganong, fa e tlaa re ka Seetebosigo di fokodiwe gape ka 50 per cent.

Mopalamente a re o buisantse le CEDA le LEA go tla go tlhatlhelela banni ka tsa kgwebo le go ba thusa go tsaya dikgwebo tse di maleba e bile di le bogadi bo gaufi go itlhabolola.

Kwa Topisi, modulasetilo wa VDC Rre Baseketetsi Lesoletsile o supile fa ba itumelela ditlhabololo mme a supa fa go na le selelo se setona kwa sekoleng sa letlhoko la matlwana a boitiketso, dipitsa, matlo a barutabana le gore bana ba welwa ke marulelo.

Ditiro dingwe a re di eme tsi! mme mabaka a a ntshiwang ke a a lolea.

A re go agwa ga kokelwana ya nakwana kwa Lechana, motlwana a boitiketso mo dikgotlanang tsa motse le tsone ke dingwe tsa tse di emeng. Rre Lesoletsile o akgotse makalana a Omang, boiepelego le la metsi a re ba ba direla sentle ka ba tshwaraganetse le bone dikgang tse di amang morafe e bile ba di tsibogela ka nako.

Fa a itebaganya le dikamogelo tsa Ipelegeng kwa posong ya Palapye, a re ga di tsamae sentle ka ba kgona go busiwa go twe madi a fedile, go sa lebelelwe sekgala se ba se tsayang go ya Palapye.

Mo ditirong tse di tsweletseng, o ne a supa fa ba moepo wa magala kwa Morupule ba supile fa ba ya go ba tlhabololela leobo le legologolo le go ba gokelela motlakase.

Fa ba tsibogela dikgang tseo, mokwaledi wa khansele-potlana ya Palapye, Rre Lucky Maoto o ne a supa fa ba itse ka letlhoko la matlwana a boitiketso, marulelo le dipoto mme a supa fa mo kgaolwaneng ya Palapye dikole tse dipotlana di le 37, tse mo ngwageng ono wa madi di abetsweng P57 000 fela go baakanya fa go senyegileng teng.

O supile fa dikole tseo tsotlhe di na le bana ba ka tshwara 18 200, ba mongwe le mongwe wa bone a abelwang P450 go mo dirisediwa mo didirisiweng tsa thuto. 

A re seo fela ka bo sone, se ba rwesitse morwalo o bokete. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : MOREOMABELE/TOPISI

Event : Kgotla Meeting

Date : 28 Apr 2019