Ikwadisetso ditlhopho ya tlalaletso e tsweletse
25 Apr 2019
Mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale o gakolotse batho botlhe ba ba lekaneng go tlhopha mme ba ise ba ikwadisetse ditlhopho go ya go dira jalo mo ikwadisong e e tsweletseng ya tlalaletso.
Rre Butale o ntshitse kgakololo eo a buisa phuthego ya kgotla kwa Kalakamati kgwedi eno e le masome mabedi le boraro.
Mopalamente Butale yo gape e leng mothusa tona wa lephata la Botsogo le Boitekanelo a re Motswana mongwe le mongwe yo o lekaneng go tlhopha, o tshwanetse go itirela bomolemo ka go ikwadisetsa ditlhopho, go tla a diragatsa tshwanelo ya gagwe ya go itlhophela baemedi ba pelo ya gagwe kwa khanseleng le kwa palamenteng.
O ne a ba itsese fa ikwadisetso ditlhopho e wela kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabobedi.
Rre Butale a re go botlhokwa gore batho ba itse fa tlhopho e le lerumo le ba ka le dirisang go epa ditlhabololo tsa metse ya bone le tsa lefatshe leno ka kakaretso, ka jalo a gwetlha batsadi ba Kalakamati go rotloetsa bana ba bone bogolo jang ba ba direlang kwa mafelong a a farologaneng go ikwadisetsa ditlhopho kwa gae.
Mabapi le kopo ya banni ba Kalakamati tebang le gore kokelwana ya bone e godisiwe, mopalamente Butale o ne a ba itsese fa puso e tsere tshwetso ya go godisa dikokelwana tsotlhe tsa lefatshe leno.
A re mme fela ba tshwanetse ba itse fa di ka seke tsa dirwa nako e le nngwe mme go tlaa nna go dirwa fale le fale fa seemo sa madi se letla.
Mo kgannyeng e go neng go lebega banni ba Kalakamati ba farologana ka maikutlo mabapi le tiriso ya madi a ditlhabololo a a abelwang dikgaolo, Rre Butale o ne a ba gwetlha go itsetsepela ka mogopolo o ba neng ba dumalana ka one wa gore madi ao a dirisiwe go aga matlo a boroko jwa baithuti kwa Maenjane JSS kwa Sekakangwe.
Go lebega banni ba Kalakamati, Sekakangwe le Mbalambi ba ne ba dumalana gore madi a ba a abelwang a dirisiwe go aga matlo a boroko kwa Maenjane go leka go namola bana ba metse eo mo mosepeleng wa go ya sekoleng.
Le fa go ntse jalo, banni bangwe ba Kalakamati ba ne ba kopa gore bontlha bongwe jwa madi a motse wa bone a dirisiwe mo ditlhabololong tsa motse, ba tlhalosa fa motse wa bone o saletse kwa morago mo ditlhabololong mme e bile le matlo a VDC a a mo motseng a ngomola pelo.
Go ntse le foo, Rre Butale o ne a tshephisa banni gore o ntse o tsweletse ka dithulaganyo tsa gagwe mabapi le go aga matlwana a dikhomputara mo dikoleng tsa kgaolo ya gagwe, a ikana fa a ka seke a phuaganya mogopolo oo ka gope.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng, Kgosi Jenamiso Tshupoeng wa Kalakamati o ne a supa fa batho ba dikile ba sa lema mo go kgotsofatsang ka ntlha ya boutsana jwa pula, a re go setse go itshupa gore go tlaa nna le leuba le le ngomolang pelo.
Ka jalo Kgosi Tshupoeng o ne a kopa puso go sekaseka go oketsa palo ya babereki ba Ipelegeng gore batho ba seka ba wela mo isong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : KALAKAMATI
Event : phuthego ya kgotla
Date : 25 Apr 2019




