Breaking News

Madi a dikgaolo a tsisitse ditlhabololo kwa Serule le Gojwane

25 Apr 2019

Banni ba Gojwane le Serule ba itumelela lenaneo la madi la ditlhabololo tsa dikgaolo ba re le dira pharologanyo mo matshelong a bone.

Ba ne ba bua jaana kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bokone Rre Kgotla Autwetse ka Labobedi.

Modulasetilo wa VDC ya Gojwane Mme Mogogi Khumo o ne a supa fa ntlo ya modisadikago kwa kokelwaneng e le gaufi le go agwa le fa kago ya leobo la kgotla  e sale e simologile e bile go ne go solofetswe gore e ka bo e wetse ka Mopitlo mme ga seka ga kgonagala. Kwa Serule modulasetilo wa VDC Rre Lefetsakgang Mokhondo o ne a supa fa go dirwa ga tsela e e tsenang mo motseng go le gaufi le go wela.

E rile a ba kgwa dikgaba Rre Autwetse o ne a supa fa e ne ya re ka Hirikgong a kopana le magosi le maloko a diVDC go dira ditogamaano tsa 2019.

O ne a supa fa ba ne ba dumalana fa madi a ditlhabololo tsa 2019 a tlaa dirisiwa go aga matlo a borutelo kwa sekoleng se sebotlana sa Gojwane fa e tlaa re mo ngwageng o o tlang matlo ao a ba a agwa kwa Serule.

Rre Autwetse a re o itumelela tirisano mmogo ya gagwe le banni ba metse eo ka ba kgona go bereka mmogo le go rerisana.

O ne a supa fa a sa itumedisiwe ke ka fa khansele-potlana ya Tonota e berekang ka teng, a supa fa ba goga dinao go fetsa ditiro ka dingwe tsa tsone di ka bo di setse di wetse mme a ba kopa gore ba tokafatse ka fa ba dirang ka teng.

O ne gape a supa fa puso e lemogile fa Batswana ba babalelwa ke go tura ga dijo le melemo ya loruo ka ba tlhasetswe ke leuba ka lebaka la pula e e boutsana mme a re tshwetso e ne ya tsewa go fokotsa ditlhwatlhwa ka 25 per cent go ya go tsena Seeetebosigo.

O ne a kopa barui go rekisa dikgomo pele di ka angwa ke leuba gore ba kgone go rekela tse dingwe dijo le melemo.

Rre Autlwetse o ne a kopa banni go ikwadiseta ditlhopho, a re dipalo tsa ba ba setseng ba ikwadisitse di kwa tlase.

Kwa bofelong mothusa mookamela sepodisi sa Serule Superintendent Mbobo Serokolo o ne a kopa banni ba metse eo go dirisana le mapodisi a KgomoKhumo ka ba setse ba le mo kgaolong go laola seemo sa bogodu jwa loruo.

Superintendent Serokolo o ne a tlhagisa ba ba bolayang loruo go timetsa bosupi go emisa go dira jalo ka seo se sena go ba sologela molemo ka ba tsile go felela ba tshwerwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SERULE

Event : diphuthegong tsa kgotla

Date : 25 Apr 2019