Tshireletso ya ngwana boikarabelo jwa botlhe
25 Apr 2019
Mookamela lephata la thuto go tswa kwa moding mo kgaolong ya Kgalagadi, Mme Maipelo Kesenye o gakolotse batsadi go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore bana ba tsaya mekento ya itshireletso malwetse ka fa go tshwanetseng ka teng go simolola fela a sena go tsholwa.
A re gape ba tshwanetse go ba isa kwa sekaleng kgwedi le kgwedi.
O ntshitse kgakololo e mo tshidimolodisong ya beke ya mekento ya bana ya African Vaccine Week e e neng e tshwaretswe kwa kgotlengkgolo ya Tsabong ka Labobedi.
Mme Kesenye o ne a tlhalosa fa tshireletsego ya ngwana e simologa fela kwa lwapeng ka go ilelwa go simologa fela ka boimana go fitlhelela mme a le mo botsetsing.
O ne a supa fa go le botlhokwa go jesa ngwana dijo tse di siametseng mmele wa gagwe e bile a sireletsegile ka go kentelwa malwetse a a farologanyeng e le yone konokono mo kgolong ya ngwana yo o itekanetseng.
Mme Kesenye o ne a tlhalosa fa setlhogo sa letsatsi leo sa Tshireletso ya Botlhe Tiro ya Mokento se le maleba.
A re tshireletsego le tlhokomelo ya ngwana e simologa ka botlhe mme a gwetlha borabana go tshwaragana le bommabana, mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go tlhomamisa gore ba aga motho wa motia yo o nang le boikarabelo mo isagong.
Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo mooki e bile e le mogokaganyi wa tsa botsogo jwa setshaba Mme Veronicah Lesele o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go isa ngwana sekaleng kgwedi le kgwedi le gone go ela tlhoko gore a o tsaya mekento ya malwetse a a farologanyeng.
O ne a supa fa lephata la botsogo mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa le tshwenngwa ke tlhaelo ya dikotla tsa bana le mekento ya tshireletso malwetse e bana bangwe ba sa e tseeng ka fa go tshwanetseng ka teng kwa dikokelwaneng.
O ne a gakolola thata bommabana go amusa bana mashi a lebele mo sebakeng sa dikgwedi tse thataro ka le one a na le dikotla tse di siameng mo kgolong ya ngwana le gone go mo sireletsa mo malwetseng.
Moeteledipele wa thibelo ya malwetse a bana mo kgalong ya Kgalagadi Borwa Mme Tootini Mackenzie o ne a tlhalosa fa ba botsogo ba ipeetse seelo sa 95 per cent lefatshe lotlhe sa bana ba ba tshwanetseng go kentelwa malwetse a a farologanyeng mme ba sa kgone go se fitlhelela ka mabaka a a farologanyeng.
O boletse fa dikgwetlho tse di ba paledisang go tshwara seelo seo e le go tlhoka go tsisiwa sentle ga bana go ya go tsaya mekento kwa dikokelwaneng, motsamao wa batsadi le bana go ya merakeng, majakong kwa dipolasing kwa lefatsheng la Afrika Borwa, tlhaelo ya dikoloi go latela bana kwa ba leng teng le mabaka a mangwe.
Mme Mackenzie o ne a tlatsa ka go gwetlha batsadi go ema ka dinao go tshwaragana le ba botsogo mo go netefatseng gore bana ba bone ba tsaya mekento ya thibelo malwetse ka fa go tshwanetseng ka teng ka seo se ka thusa mo kgolong ya ngwana e e eletsegang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : African Vaccine Week
Date : 25 Apr 2019




