Puso e tlaa oketsa dithuso tsa leuba
24 Apr 2019
Mothusa tona mo lephateng la tlhabololo temo- thuo le dijo, Rre Konstatinos Markus a re puso e sekasekile go tsweledisa dithuso tsa phokoletso ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo e lebeletse leuba le le mo lefatsheng leno ka bophara.
O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Wenela kwa Maun bosheng.
Rre Markus a re ba ne ba kopana le Tautona go mo itsese ka seemo sa leuba, a tlhalosa fa jaanong phokoletso ditlhwatlhwa e okeditswe go fitlhelela Seetebosigo.
O tlhalositse fa go tswa foo go ya pele go tlaa boa gape go sekasekwa seemo, mme a gakolola barui go fokotsa leruo la bone, segolo jang dikgomo, go hema gore di jewe ke mmu ka ntata ya leuba.
Rre Markus o bile a tlhalosetsa morafe ka madi a a ntshitsweng ke puso go lwantsha kgofa e thamaga e e apesitseng barui ba Okavango kobo ka letshoba.
O ba kopile gore ba seka ba hudusa leruo go le isa go sele ka seo se ka phatlalatsa kgofa eo, e e borai thata e bile e anama ka lebelo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Kemo Kaboko a re kopo ya bone go direlwa motshelakgabo gaufi le kampa ya masole go ba thusa go ya kwa kokelong ya Letsholathebe, e ne e dumalwanwe mo DDP7 mme e rile ka DDP8 ya bo e seyo, ga go na karabo gore ke eng go sa diragadiwa.
Batho ba kgaolo eo ba ne ba lela ka lenyora le ba reng le tsere phekelo e sele, ba ba tlatsa ka gore ga ba bee kompone ya Water Utilities Corporation sebete, mme ba kopa gore go busediwe lephata la metsi.
Kgosana wa kgaolwana ya Wenela, Mme Elizabeth Sekeseke ene o ne a kopa morafe go ya go ikwadisetsa ditlhopho mo poeletsong e e tsweletseng gore ba kgone go tla go itlhophela moemedi yo ba mmatlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : phuthego ya kgotla
Date : 24 Apr 2019




