Maun boremelelo jwa Bojanala
24 Apr 2019
Kgosana wa kgotla ya Shashe kwa Maun, Rre Princeloo Shashe o akgoletse badiri ba Metropolitan Botswana, Namibia le Lesotho go abela bana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong dimpho di akaretsa didirisiwa tse di tlhapang.
Badiri bao ba ne ba aba le dipampiri tse di kwalelang.
Fa a bua kwa kabong ya dimpho tseo bosheng, Kgosi Shashe o supile fa ba dirisana le Metropolitan Botswana e bile e a ba boloka.
O ba kopile go tswelela ba ba thusa, ka lefoko la Modimo le re go sego letsogo le le abang, go na le le le amogelang.
O bile a tlhalosetsa ba Metropolitan Namibia le Lesotho fa motse wa Maun e le kgoro ya go ya kwa bojanaleng, mme a ba laletsa go etela lefelo la diphologolo la Moremi go bona diphologolo ka mefuta.
Kgosi Shashe o ne a re e re le ntswa batho ba Maun ba ne ba sa tsena dikole mo go kalo, ba ne ba nna le botlhale jwa go somarela diphologolo tsa bone.
Fa a latlhela la gagwe, Mmaboipelego wa kgaolo eo, Mme Lesego Majang a re kgaololwana ya gagwe e na le batlhoki ba ka tshwara makgolo a mabedi le bana ba masiela ba le lekgolo le botlhano, fa ba ba tlhokileng lesego ba ka tshwara lekgolo le masome a matlhano.
A re puso e a leka, fela go santse go tlhaelela kgakala.
A re ke sone se ba itumeletseng thuso ya ba Metropolitan.
O bile a re bana ba sekole se sebotlana sa Shashe le se segolwane sa Tshwaragano ba kopana le dikgwetlho tsa matshelo a letsatsi le letsatsi.
A re bangwe ba tlhoka molora wa go ka tlhapa kana go tlhatswa kapari ya sekole.
Sebui go tswa kwa Metropolitan Botswana, Rre Walter Mohutsiwa a re e le ba Metropolitan Botswana, ba bonye go tshwanela gore ba ise balekane ba bone ba ba etetseng go tswa Namibia le Lesotho kwa Maun.
A re mmaboipelego o ne a ba bolelela letlhoko, mme ba gwetlhega thata go thusa.
O tsweletse a re bana ke bone isago, mme e bile Setswana sa re matlo go sha mabapi, e bile kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.
A re puso e le nosi e ka seke e kgone seemo sa go nna jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Kabo ya dimpho
Date : 24 Apr 2019




