Breaking News

Bogogi bo nankola ditso tsa Ovambanderu

24 Apr 2019

Ngwaga le ngwaga ka nako ya paseka, morafe wa Ovambanderu go ralala lefatshe leno ga mmogo le ba ba tswang kwa Namibia ba kokoana kwa motsaneng wa Dhaoga mo kgaolong ya Nhabe go ipelela ditso tsa bone.

Modiro o, o tlwaelesegileng thata ka leina la Otjingrine le le kayang mmala wa botala jwa tlhaga o e leng sekano sa bone, o tshwarelwa kwa mabitleng a dikgosi tsa bone tsa pele.

Morafe wa Ovambaderu ke mongwe wa ba ba neng ba fiwa boagedi mo Botswana ka nako ya dintwa tsa bone le Majeremane kwa Namibia.

Ba ne ba thibelela mo mafelong a a farologanyeng mo Botswana mme bontsi jwa bone bo fitlhelwa thata mo kagolong ya bokone e e akaretsang Boteti le Bokone Bophirima.

Modiro o tshwarwa ka Tshipi morago ga letsatsi la papolo ya Morena mme pele ga lone bangwe ba mabutswapele a morafe oo ba etela lefelo leo go ya go le phekola le go kopa masego mo badimong.

Mo dingwageng tse di fetileng, kgosikgolo wa Ovambaderu go tswa Namibia o ntse a ipelela moletlo oo le morafe wa gagwe mono mme monongwaga go boletswe fa a sa kgona ka ntlha ya ditiro dingwe tse di mo patikang.

Mo potsolosong, Kgosi wa Ovambanderu mo Nhabe, Kgosi Manuel Nguvauva a re ba santse ba ikaegile ka nagwao, a tlatsa ka go re ba dumela thata mo sedimong.

A re go phekola diphuphu tsa dikgosi tsa pele ke tiro e e faphegileng ka jaana ba dumela gore ba a ba utlwa e bile se ba se lopang ba tlaa se bona.

Morago ga go phekola lefelo leo a re morafe jaanong o ketemela letsatsi pele ga tiro e tona go tla go lala koo fa bangwe ba tla ka letsatsi la tiro.

Modulasetilo wa komiti e e gakololang bogosi jwa Ovambanderu, Rre Camara Marenga o tlhalositse fa thulaganyo eo e thailwe ke bagaka ba pele ka 1947 morago ga go bona boagedi mo Botswana.

A re ka nako eo go ne go na le kgwetlho ya sekano ka jaana ba ne ba gasame le lefatshe ka bophara mme bogogi jwa morafe jwa tsaya tshwetso ya gore ba dirise fologa ya mmala o o botala jwa tlhaga e le sone sekano sa bone go ba farologanya le Baherero ba ba dirisang mmala o mohibudu e le sekano sa bone.

A re morago ga go fiwa sekano seo ba ne ba simolola go nna ba ipelela phenyo ya bagaka ba bone gone kwa bangwe ba fitlhetsweng teng e le sesesupo sa go leboga le go kopa masego le matlhogonolo.

Rre Marenga a re ba bogisitswe ke Majeremane, ke ka moo ba bonyeng go le botlhokwa go kgobokana mo lefelong le le lengwe ba gopola ditso tsa bone le go ipelela ngwao.

A re modiro o, o rotloetsa tirisanyo, bojammogo le popagano ya morafe ka jaana e ba phutha go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe.

Ka letsatsi la modiro morafe o apara mmala wa sekano, bomme ba tsabakela ka mesese e meleele le ditukwi tsa bone tse di tlwaesegileng go twe ke  tsa Seherero fa borre bone ba apara disutui tse di tshetlha ba lebega jaaka masole a pele a Jeremane.

Mo mosong wa modiro batsena moletlo ba bopelela go ya kwa diphuphung tsa dikgosi tsa bone ba eteletswe pele ke mabutswapele mme ba  tsena ka bongwe ka bongwe ba khubama fa tlase ga lebitla la kgosi wa ntlha ba kopa masego le katlego mo botshelong.

Morago ga tiro eo, ba ba mo kaparing ba tsamaya sesole go fitlhelela ba tsena fa tiro e tshwarelwang teng mme koo mabutswapele a feta a nankola ditso tsa bone.
Modiro o natetshiwa ka mmino le tse dingwe tsa ngwao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : ipelelo ditso

Date : 24 Apr 2019