Breaking News

Moopelo o rotloetsa tshwaragano

23 Apr 2019

Mookamedi wa khamphane ya Pula Holdings, Rre Kagiso Mmusi, o rotloeditse kereke ya Faith Gospel After Christ (FGAC) go tswelela ka dikgaisanyo tsa moopelo tse ba di tshwarang ngwaga le ngwaga ka nako ya paseka ka di na le seabe mo go kopanyeng maloko a kereke.

Fa a bula semmuso dikgaisanyo tseo kwa Ratholo ka Matlhatso, Rre Mmusi o boletse fa moopelo o ka thusa motho go itomaganya le Modimo le go mo galaletsa.

A re jwa banana ba ba neng ba tsere karolo mo dikgaisanyong tseo, go bonala ba ineetse mo Modimong.

Rre Mmusi a re le mo Baebeleng go na le ditemana tse di supang fa Modimo a ne a galalediwa ka moopelo.

O ne a leboga mosimolodisi wa kereke ya FGAC, Moporofita Robert Modikwa go nna le tebelopele e tona ka a ne a aga sekole le kokelwana kwa motseng wa Ratholo.

A re o ne a supa lerato le go tlhaloganya gore ba-na-le-seabe ba tshwanetse go thusa puso go tlhabolola lefatshe.

O ne gape a lebogela FGAC go tsenya letsogo mo go thuseng batlhoki.

A re ka malatsi a Keresemose ka 2018, FGAC e ne ya abela motlhoki ntlo mme a ba rotloetsa go tswelela ka thulaganyo eo.

Dikhwaere tsa kereke eo, di le lesome le bone go tswa kwa mafelong ka go farologana di ne tsa iteisanya borathana, mme di ne di itlhamela pina ka lekwalo la ga Mathaio 26 temana 59 go fitlhelela ka 64.

Dikhwaere tseo di ne di kgaogantswe gabedi ka setlhopha sa A le sa B, mme di opela mmino wa clap and tap.

Rre Emmanuel Kgang yo a opedisang khwaere ya Palapye Voices, e bile e le morutuntshi wa moopelo e ne e le mongwe wa baatlhodi kwa dikgaisanyong tseo.

O ne a bolela fa mmino o o neng o opelwa ke dikhwaere tseo e le mmino o o monate fela thata, mme e bile o ne o le thata go atlholwa.

Khwaere ya Masama go tswa kwa Serowe, e ne ya tsaya maemo a ntlha, fa ya Francistown e ne ya tsaya maemo a bobedi, mme ya Letlhakane e ne ya tsaya maemo a boraro tsotlhe di le mo category A.

Mo dikhwaereng tsa category B, khwaere ya Sefhare e ne ya tsaya maemo a ntlha, ya Majwaneng ya tsaya maemo a bobedi fa ya Tlokweng e ne ya tsaya maemo a boraro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : RATHOLO

Event : Pulo dikgaisanyo

Date : 23 Apr 2019