Breaking News

Mmelaelwa o tlaa lebisiwa molato wa petelelo

23 Apr 2019

Mookamela mapodisi a kgaolo ya Jwaneng, Superintendent Thuso Basuti, a re rre mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi wa Sese, o tlaa iponatsa fa pele ga kgotla ya ga mmakaseterata beke eno mabapi le molato wa petelelo.

Supt. Basuti a re e ne ya re kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe, ba begelwa fa mme mongwe a ne a thubediwa ke mmelaelwa morago ga gore a mo kope go mmoledisa a tswa maitisong.

A re mme yoo, wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi, o ne a thusiwa kwa kokelong mme a bulelwa gone letsatsi leo, fa mmelwaelwa ene a tshegeditswe ke mapodisi go fitlhela a iponatsa kwa lekgotleng.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt. Basuti o kaile fa malatsi a boitapoloso a ne a sena ditiragalo tse dintsi tse di maswe mo kgaolong ya gagwe, a re ba kwadisitse dikotsi tsa tsela tse dipotlana di le tharo.

O boletse fa mo kotsing e nngwe, koloi e ne ya thula tonki, e nngwe e ne ya wela mo moseleng fa e nngwe e pitikologile kwa tseleng ya Seherelela.

A re mo kotsing eo ya boraro mokgweetsi o ne a alafelwa dikgobalo tse dipotlana mme mopalami ene a santse a tlamelwa kwa kokelong.

Supt Basuti o ne a akgolela Batswana boitshwaro jo bontle jo ba bo supileng ka malatsi a boitapoloso, a re ba kopa go tswelela fela jalo.

A re mapodisi a ne a tsentse leitlho kwa dikgaisanyong tsa softball tse di kgobokanelwang mo toropong ya Jwaneng ngwaga le ngwaga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Petelelo

Date : 23 Apr 2019