Breaking News

Lephata le rerisa bagwebi ka molao

23 Apr 2019

Mookamedi wa lephata la papadi le dikgang tsa baji-bareki, Mme Seipati Olweny, a re go botlhokwa gore dikgwebo tse di potlana di ikwadise kwa khanseleng.

O buile jalo bosheng fa a rerisana le bagwebi ba Mahalapye ka molao kakanyetso o o laolang dikgwebo.

A re le fa dikgwebo tse di potlana di laolwa ke melawana ya dikhansele ka go farologana, go na le dingwe tse di runyang fela, ka jalo di felele di gweba di sa itsiwe.

Mme Olweny a re fa bagwebi ba dikgwebo tse dikgolwane ba ngongorega ka phadisanyo ya dikgwebo tse di potlana tse di sa kwadisiwang, ba tshwanetse ba tlhaloganye gore dingwe tsa tsone di simolodisitswe ka thulaganyo ya nyeletso lehuma.

“Le fa ba direla kana ba apeela kwa malwapeng, khansele e tshwanetse go seka-seka fa ba direlang teng go tlhomamisa botsogo le pabalesego.  Go a bonala gore bangwe ba leka go tokafatsa matshelo a bone ka go dira dikgwebo tse di potlana, mme ba sa sa le tsamaiso morago.”

Mme Olweny o ne a araba dipotso le dikakgelo tsa bagwebi ba ba neng ba tsene bokopano jwa therisano ka diphetogo tse di gopotsweng go dirwa mo molaong o laolang dikgwebo.

A re tsholofelo ke gore morago ga go phutha megopolo ya bagwebi, molao kakanyetso oo, o buisanwe ke mapalamente ka phuthego ya mariga.

Fa a lekodisa ka dingwe tsa diphetogo tse di akanyeditsweng go dirwa, Mme Olweny o boletse fa tiro ya popota ya lephata la peeletso, papadi le madirelo e le go tlhomamisa gore tikologo e siametse bagwebi ka go nolofatsa dilo di tshwana molao wa tsamaiso kgwebo.

“Re romilwe go tlosa dikgoreletsi tse di itsang bagwebi go dira ba phuthologile,” a tlhalosa jalo.

O supile gore tsamaiso ya go simolodisa kgwebo e ka tswa e le mogoga moleele, seemo se se ka dirang gore babeeletsi ba ba tswang kwa mafatsheng a mangwe kana le bone beng gae ba ba eletsang go dira dikgwebo ba nyeme moko.  

“Re a itse gore motho a le mongwe fa a bereka o tlamela ba le bantsi ka jalo seemo seo se fokotsa lehuma,” ga tlhalosa Mme Olweny.

Mme Olweny o tlhalositse gore ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2014, khuduthamaga ya matona e ne ya dumalana molawana o o itebagantseng le go nolofatsa tsamaiso ya go bula dikgwebo.

“Maikaelelo a molawana oo, ke go ntsha dikgoreletsi tse di ka dirang gore tsamaiso ya go dira kgwebo e nne mogoga moleele le gone go fokotsa ditshenyegelo.”

O kgothaditse bagwebi ba Mahalapye go tswa ka megopolo e e tlaa thusang go tokafatsa mohama wa go gweba mo Botswana.

“Re eletsa gore diphetogo tse di tlaa dirwang di tswe ka lona.”

O tsweletse a supa gore nngwe ya diphetogo tse di akanyediwang go dirwa ke gore motho a letlelelwe go simolodisa kgwebo a sa lopiwa go kopa teseletso.

“Fa o na le lefelo la go gweba, o tsentse tsotlhe tse di tlhokafalang, molao o tlaa go letla go gweba o sa fiwa teseletso,” Mme Olweny a bolela.

Le fa go ntse jalo, a re dikgwebo tse di amang tsa botsogo le pabalesego tsone di tlaa lopiwa go ikopela teseletso.

“Dikgwebo tse di amanang le tsa botsogo le pabalesego jaaka tsa dijo di tlaa tswelela ka go etelwa di tlhatlhobiwa go tlhomamisa fa di setse tsamaiso morago.”

Mme Olweny a re dikgwebo tse di seegetsweng fa thoko go dira ke beng gae di tlaa tswelela di ntse di le teng.

“Go gweba ka dikoloi tse di dirisitsweng le thekiso ya megala ya letheka ke dingwe tsa dikgwebo tse molao kakanyetso o batlang gore di seegelwe fa thoko go dirwa fela ke beng gae.

Maikaelelo a go seka-seka molao o o tsamaisang bagwebi ke go tlhofofatsa tsamaiso ya kgwebo, ka jalo re kopa thuso ya lona gore le kgone go senola dikgoreletsi tse re sa di lemogang.

Re leboga le go lemoga seabe sa bagwebi mo go godiseng itsholelo ka go tlhama ditiro, go godisa le go tswakanya mohama wa kgwebo mo gae,” ga tlhalosa Mme Olweny.

Mongwe wa bagwebi, Rre Simane Ranthoakgale o ne a supa fa gona le bagwebi bangwe ba ba botlana, ba ba rekisang dijo le majalwa mme ba sena diteseletso.

Rre Ranthoakgale a re molao kakanyetso o lebelele seemo se ka gore ba gweba ka dilo tse di ka tsenyang matshelo a batho mo diphatseng mme ba sena diteseletso gape mafelo a ba direlang mo go one a sa tlhatlhobiwa.

Mme Lillian Mmereki ene o ne a lebogela therisano e e dirwang.

Mme Mmereki a re go kopanela morero le ba ba amegang go tlaa thusa go tswa ka megopolo e e nonofileng.

Le fa gole botlhokwa go nolofatsa tsamaiso ya go dira kgwebo, Rre Barobi Nonyane a re o na le pelaelo ya gore dikgwebo tse di seegetsweng fa thoko go dirwa ke beng gae ke tsa boleng jo bo kwa tlase e bile di ka seke tsa dira letseno le le rokotsang mathe.

“Ke dumela gore kgwebo e e nang le mmaraka o o nonofileng jaaka ya thekiso ya didirisiwa tsa kago e nne nngwe ya tse di seegelwang fa thoko go dirwa ke beng gae,” ga tlhalosa Rre Nonyane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : MAHALAPYE

Event : molao

Date : 23 Apr 2019