Breaking News

Kereke ya UCCSA e abela bana ditlhako tsa sekole

22 Apr 2019

Kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA), kgaolo ya Matsha, e ne ya abela bana ba sekole se sebotlana sa Bopaganang ditlhako tsa sekole ka Matlhatso morago ga go tsenelela tirelo ya Papolo ya Morena ka Labotlhano.

Tiro e, e ne e dirwa ke dikereke tsotlhe tsa UCCSA tse di mo kgaolong ya Kgalagadi go tswa kwa Khuis go ya Kang.

Di ne di phuthaganetse mo Draaihoek ka malatsi a go ipelela papolo le tsogo ya Morena Jeso.

Fa a tlhalosa moono wa letsatsi, Moruti Justice Hengari o supile gore moono wa kereke yotlhe ya UCCSA monongwaga e ne e le go aba ditlhako tsa sekole Botswana ka bophara mo Botswana.

O ne a leboga ba kgaolo ya Kgalagadi go diragatsa thulaganyo eo.

O ne a rotloetsa phuthego go tswelela e abela batlhoki ka mowa wa lorato.

A re kereke e tshwanetse ya rera lefoko la Modimo le go supa ka ditiro e seng go ntsha thero fela.

A re mo botshelong batho ga ba lekane e se meno, ka jalo go aba go ka thusa bana ba ba tswang mo malwapeng a a ’kobo di khutshwane gore le bone ba lebege fela jaaka bana ba ba tswang kwa malwapeng a a nang le itsholelo.

O lebogetse kereke go fa batlhoki seriti ka go rotloetsa diphuthego tsotlhe tsa Lontone Botswana ka bophara gore ba rekele bana ditlhako.

O tlhalositse gore paka ya mariga e setse e gorogile, mme bana ba ba ntseng ba sena ditlhako ba tlaa thusega.

Mo godimo ga moo, Moruti Hengari o boletse gore e ne e le lwa ntlha kereke eo e dira tiro e mo motseng o, mme ke selo se setona se se tlaa dirang pharologanyo mo matshelong a bana.

A re ngwaga o o tlang kgaolo eo e tlaa ketekela malatsi a papolo le tsogo ya Morena kwa Tsabong, mme ba tlaa tswelelela ba abela batlhoki.

Fa a abela bana ditlhako, moeteledipele wa kgaolo ya Matsha, Mme Leeba Mokope o lebogile phuthego ya Lontone a re ‘go sego letsogo le le abang’.

O tlhalositse gore se kereke e se dirileng ke gone go ipelelela papolo le tsogo ya ga Jeso Keresete yo ba dumelang mo go ene.

O supile jalo gore kereke e kgobokana ngwaga le ngwaga go ipelela phenyo e Jeso Keresete a e ba fenyeditseng mo mokgorong.

A re go aba ke mowa wa sekeresete o Jeso a neng a o tshela. Ka jalo a supa gore bakeresete ba abela bana ditlhako tseo ka e le thomo mme e bile ba diragatsa go rata ga Modimo.

E rile a tswa la gagwe, mogokgo wa Bopaganang Mme Jullie Lesetlhe o lebogetse ditlhako tse di filweng bana, a tlhalosa jalo gore go na le lenaneo la ‘Adopt a Child’ le a kopileng gore baphuthegi ba iphese ba nne ba ithaope go itlhophela bana ba ba ka ba thusang go ralala diemo tse di thata tsa botshelo, segolo bogolo letlhoko la dilo tse di tlhokwang ke ngwana mongwe le mongwe gore a tshele sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : DRAIHOEK

Event : kabo dimpho

Date : 22 Apr 2019