Breaking News

Lemang dijalo tse di siametseng dipaka tsa gompieno

22 Apr 2019

Balemi ba kgaolo ya Machaneng ba rotloeditswe go lema dijalo tse di kgonang go itshetlela mo nakong eno ya phetogo ya loapi.

Se se builwe ke molemisi wa kgaolo ya Machaneng, Mme Kebaemetse Motemane kwa masimong a Tumasera/Seleka kwa balemi ba neng ba fiwa dithuto ka didirisiwa tsa temo, methale ya temo le go somarela bokgola mo mmung bosheng.

Mme Motemane a re balemi ba tshwanetse go jala dijalo tse di kgonang go lepalepana  le diphetogo tsa loapi tse di akaretsang mogote o o feteletseng le dipula tse di boutsana.

A re dijalo di tshwana le lebelebele, mabele, dinawa le letlhodi ke dingwe tsa tse balemi ba rotloediwang go di lema.

O kopile balemi go somarela bokgola ba dirisa ripara ka e bile e thusa gape le go thuba legogo le le ikadileng kwa tlase ga mmu.

Molemisi o ne gape a supa matshwenyego ka balemi ba ba ’bete se molangwana go lema ka ditselana, ba re go isa thobo ya bone kwa tlase.

A re thobo e isiwa kwa tlase ke bangwe boradirekere ba ba sa itseng go lema ka ditselana.

A re bangwe dipolantere tsa bone ga di ntshe dipeo mme go bo go sa tlhoge.

Mme Motemane a re balemi ba felela ba gasa ba tlhobogile temo ya ditselana.

A re fa go lengwa sentle ka ditselana thobo e nna botoka e bile molemi o kgona go tlhagola sentle  a tsamaya mo ditselaneng tse di fa gare ga dijalo le gone go tshela chefi mo dijing.

Rre Sebaga Monyena, yo e leng moitseanape wa didirisiwa tsa temo mme a direla kwa Serowe, o ne a supa fa matshwenyego a kgaolo ya bone ka kakaretso e le tiriso ya dipolantere, dinako tsa go jala, kgang ya go itepetepanya le tsa tepo-loapi, go somarela bokgola le didirisiwa tse di somarelang bokgola.

Rre Monyena a re bontsi jwa balemi ga ba na didirisiwa tsa temo tse di dirisiwang go somarela bokgola, fa ba bangwe ba na le tsone mme ba sa itse go di dirisa sentle.

O ne a ikuela mo baleming go adimana kana go thusanya le gone go rutana go dirisa didiriwa tsa temo.

Rre Monyena o ne a supa fa mo bontsing jwa masimo a go neng go direlwa dithuto mo go one, go na le diphatlha fa gare ga dijalo tse di lemilweng mme go  supa fa polantere e ne e sa dirisiwe sentle.

A re seo se gwetlha molemi gore a bone gore o kaba diphatlha tseo jang.

O ne a ikuela mo go boraditerekere go emisa kgang ya go phaka masimo ka e ba diela go lema.

A re bangwe ba kgona go lemolola masimo a le mantsi mme kwa bofelong ba bo ba tsaya sebaka se seleele ba sa a leme mme seo se babalele balemi.

Rre Monyena o ne gape a gakolola boraditerekere go lemela balemi ba ba gaufi le bone go itsa ditshenyegelo tsa leokwane.

A re bangwe ba kgona go tshela leokwane mo diterekereng mme fa ba tshwanetse go tsena gautshwne go lema ba tsamaya sekgala se seleele ba ya go lemela ba masimo a a kgakala ba bo ba lela ka leokwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : TUMASERA/ SELEKA

Event : balemi ba fiwa dithuto

Date : 22 Apr 2019