Tsamaya o lela ka letlhoko la metsi
17 Apr 2019
Kgosi wa Tsamaya, Rre Fordson Sigwele, a re seemo sa letlhoko la metsi kwa motseng wa gagwe se ngomola pelo ka ba kgona go fetsa dibeke go sena thothi.
Mo potsolotsong bosheng, Rre Sigwele o supile fa kgaogo ya metsi e le selo modiro.
A re khamphane ya metsi e ka bo bogolo e dira lenaneo la go itsisi banni ka kgaogo ya metsi mo maranyaneng kana ba romela melaetsa jaaka go dirwa mo mafelong mangwe.
Rre Sigwele a re mo nakong ya gompieno ba emetse di tanka tse di beelang metsi (Jojo) tse tharo tse ba di kopileng ka lenaneo la madi a ditlhabololo a dikgaolo.
O tsweletse ka go tlhalosa fa nako tse dingwe metsi a bone a bulelwa bosigo go robetswe ka jalo go ba patika gore ba lale ba aga metsi bosigo.
A re go segofetse bao ba ba nang le ditanka tse ditona tse di beelang metsi mo malwapeng ka a kgona go ba goga lobakanyana fa metsi a sa tswe mo dipompong.
Rre Sigwele a re le ntswa banni ba bolawa ke lenyora o itumelela gore letamo la motse lone le tletse ebile leruo la bone le tla dika le akotse.
A re le ba ba lemileng ditshingwana tsa merogo ba tla dika ba bone metsi a a nosetsang gotlhe le ba ba agang.
O tlhalositse fa letamo le le ba tsenyetsa madi ka ba kgona go rekisetsa khansele ya Bokone Botlhaba metsi fa ba dira dikago mo metseng e mabapi.
Rra maranyane wa khamphane ya metsi kwa kgaolong ya Bokone, Rre Tawana Chilume o tlhalositse fa lenaneno la kgokelo ya metsi la kgaolo ya Bokone Botlhaba e kopane le kgaolo ya Tutume le tla simolola bo bogaufing.
A re ka lenaneo le, khamphane e tla tlhabolola maranyane a kgokelo ya metsi go tlhomamisa gore metsi a goroga mo metseng yotlhe ka ebile puso e adimile P250 million kwa World Bank go diragatsa maitlamo a.
O tlhalositse gore mo nakong ya gompieno, kgaogo ya metsi e bakwa ke gore di pompo tse di rwalang metsi ga di kgone bokete jwa metsi aa tswang kwa letamong la Ntimbale ka jalo go baka gore khamphane e fokotse sekale sa metsi.
Rre Chilume o tlhalositse fa khamphane e itse ka tlhaelo ya metsi mo metseng ee mo kgaolong ya Tati Botlhaba se ele ka ntlha ya gore maranyane ga a kgone go pompela metsi mo metseng e ka gore e kwa godimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : TSAMAYA
Event : Potsolotso
Date : 17 Apr 2019




