Breaking News

Lekoko le reetsa kgang ya Werda

17 Apr 2019

Bosheng jaana, banni ba Werda  kwa kgaolong ya Kgalagadi ba ne ba phuthaganetse kwa kgotleng go buisanya ka dikgang tsa bogosi jwa motse oo.

Kgosi Keleofile Phihadu o ne a epile pitso a eteletswe pele ke lekoko le le tlhomilweng ke tona wa Dikgaolo  le Tlhabololo Magae, Rre Frans Van der Westhuizen go tlhotlhomisa ditso tsa bogosi jwa motse o.

E rile a rolela banni thomo, moeteledipele wa lekoko, Kgosi Felix Kgamane wa Shoshong a tlhalosa gore ba romilwe go tla go tlhodumela dikgang tse di amang bogosi jwa Werda.

O ne a tlhalosa gore ba tsile go tlhotlhomisa kgang matlho a phage a lebane ka e rile bosheng mokwalo wa goroga o supa fa boora Esterhuizen ba re bogosi jwa Werda bo ba lebagane.

A re e ne ya re kgwedi ya Morule e ya fifing ngwaga tlola, boora Esterhuizen ba romela mokwalo kwa lephateng la Tribal Administration kwa Tsabong go ipobola.

A re ka Botswana a ikaegile ka morero, ba ne ba rulaganya go tla go buisanya ka kgang eo ka boora Esterhuizen ba ne ba supa jalo gore e rile ka ngwaga wa 1955-1962 Kgosi Andries Esterhuizen o ne a le mo setilong mme se se ba fa tshwanelo ya go busa motse oo ka sefane seo se kile sa busa.

Mme kgang ya moruthutha ya nna gore kgosi yoo o ne a tsene jang mo setilong.

A o ne a tlhophilwe go nna kgosi ke morafe kana o ne a le kgosi e e tsetsweng, mme gone fa motlhala wa tsena mo sekgweng ka go ne go sa tlhologanyesege sentle gore Kgosi Esterhuizen o ne a tsenye jang foo.

Kgosi Kgamane a re tsamaiso ya bogosi jwa lefatshe leno e papametse mo molaong oo tsamaisang bogosi.

Mongwe wa banni, Rre Robert Mackenzie, o supile fa Rre Esterhuizen a busitse motse oo ngwaga tse supa ka nako tsa fa Mmamosadinyana a ne a busa.

Mme tota ga go sa tlhalosege sentle gore o ne a se kotame jang le gone gore o dule jang mo setilong ka e rile morago ga fa a sena go tlogela motse o ne wa goga lebaka le le telele o sena kgosi.

Rre Johannes Visage o supile fa a nnile monni wa Werda a le ngwaga tse nne mme boora Esterhuizen ba ne ba kopiwa go sutela lefelo la diphologolo la Gemsbok ke Mmamosadinyana mme ba tlhotlhoma le lefatshe la Kgalagadi ba dupa metswedi ya metsi mme ba wela kwa Werda.

O tlhalositse gore le ntswa a le mmotlana ka dingwaga batsadi ba mo tlhaloseditse fa e rile morago ga Botswana a tsaya boipuso mo go Mmamosadinyana kgosi a se fologa ka a ne a sa itse puo ya Setswana, a bua puo Afrikaans mme a itse sentle gore puso ya lefatshe la Botswana e tsamaisa dilo ka puo ya Setswana mme a ka seka a etelela batho a sa itse Setswana.

O tlhalositse gore morago ga foo go ne ga tsena dikgosi tse tlhano mo setilong fa dingwaga di ntse di tlhatlologana mme boora Esterhuizen ba ba rutegileng mme e bile ba itse le puo ya Setswana ba budule go ka etela morafe pele.

Banni bangwe ba ne ba supa fa bogosi e le jwa boo-ra Ramokhaneng kana boo-ra Kgokong kaba tsile mo Werda pele ga batho botlhe.

Mme ya re go buiwa jaana Rre Tshimologo Kgokong a iphesa go bua gore kgang e ya bogosi jwa Werda ba ntse ba e bipile mpa ka mabele ka ba ne ba sa batle mehoholela mo motsing wa bone.

“Kgang e e masisi ga ke itse gore e hukuntswe ke eng,” a tlhalosa.

O supile jalo gore rraagwe Kgokong o gorogile kwa motseng wa Werda ka ngwaga wa 1940 pele ga Rre Esterhuizen mme ebile ka nako eo motse o ne o bidiwa Lekokoma eseng Werda.

Ka jalo a kopa gore go itsa gore morafe o kgaoganngwe ke kgang tsa bogosi, Kgosi a tlhophiwe fela jaaka go ne go ntse go diragala jaaka fa dingwaga di ne di ntse di tlhatlologana.

Rre Thomas Dirakano yo o kileng a emela ditlhopho tsa bogosi jwa motse oo a re o itse fa ditso tsa motse oo di supa gore bogosi bo a tlhophelwa go tswa ka nako tsa ga Mmamosadinyana fa go sena kgosi e e tsetsweng.

O supile jalo gore dikgosi tsotlhe tsa motse oo di ne di tlhophiwa ke morafe, fa go sa nna jalo Molaodi o ne a baya mongwe mo setilong ka go mo kopa.

O tlhalositse jalo gore le Kgosi Phihadu yo o tlogang a tlogela bogosi jwa motse oo ka bogodi le ene a ne a tlhophilwe ke morafe wa gagwe.

A kopa jalo gore a ngwao eo ya g tlhophiwa ga kgosi e nne e tsweledisiwe mo motseng oo.

Fela jaaka rre Dirakano, bontsi jwa dibui bo ne jwa tshela metsi kgang tsa gore bogosi ke boo-ra Esterhuizen, ba kopa lekoko la ga tona gore bogosi jwa motse oo bo tlhophelwe fela jaaka go ntse go diragala go tswa bogologolong.

E re lentswa go ntse jalo, bodirela puso bo ne bo le foo ba sa utlwe kgang e ka-tsa-ga-morakile.

Kgang e e wetse le mo ditsebeng tsa ga molaodi go tswa Tsabong Rre Bigboy Mangwa, motshwarelela Ramaposidi wa Werda rre Joel Sebotho, motshwarelela Tribal Administrator mme Tshepo Lopale, dikgosana ssa motse wa Werda le, ba komiti ya ditlhabololo ya motse le matlhogotshweu a motse le morafe otlhe o o neng o le foo.

Fa a garela, Kgosi Sue Mosinyi wa ko Bokaa o lebogetse morafe tirisanyo mmogo e ntle le lekoko le le beilweng foo go tlhothomisa kgang.

Ka a re mabaka otlhe a tlaa thusa lekoko go isa thomo ko Gaborone ko e tlaa fetang e sekasekwa gore tshwetso e e maleba e tsewe ka bogosi jwa Werda.

O supile fa mafoko a kgotla a le mantle otlhe mme a lebogela banni go ba tshologa mokgosi gore kgang ya bogosi joo e kgone go rarabololwa ka tolamo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : WERDA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 17 Apr 2019