Ikwadisetso ditlhopo e a boelela
16 Apr 2019
Lekgotla la ditlhopho le kgothaditse botlhe ba ba lekanyeng go ka tlhopa go ikwadisetsa ditlhopho mo ikwadisong e e simolotseng kgwedi eno e le lesome le borataro go fitlhelela e le masome mabedi le boferabobedi.
E rile a bua kwa ithutuntshong ya batho ba ba kwadisang ditlhopho kwa Letlhakeng, mogolwane wa lekgotla leo Rre Clifford Makhiya a re ikwadisetso ditlhopho tsa setshaba tse di tlang e fa Batswana monyetla wa go tlhopha baeteledipele ba ba ba batlang.
Ka jalo a supa fa go le botlhokwa gore ba kwadisi ba ditlhopho ba thuse Batswana ka botlalo gore ditlhopho tsa setshaba di tle di tsamae sentle.
Rre Makhiya a re ithutuntsho e e thusa bakwadisi ba ditlhopho go tlhaloganya mosola wa go kwadisa batlhophi.
O ne a kaya fa lekgotla le le efa Batswana monyetla wa go ikwadisetsa ditlhopho gore go seka ga nna le ope yo o ka salelang kwa morago.
O boleletse bakwadisi gore go botlhokwa go netefatsa gore batho ba ba ikwadisetsang ditlhopho ba na le Omang yo o mo tirisong.
Rre Makhiya o supile fa buka ya batlhophi e supile gore mo dikgaolong tse dingwe batho ba ne ba ikwadisetsa ditlhopho ba sena Omang yo o mo tirisong.
A re mo gongwe o fitlhela motho a ikwadisseditse ditlhopho mo dikgaolong tse pedi, se se bo se raya gore o tshwanetse a tlhopha kgaolo e le nngwe e a ka tlhophelang mo go yone.
Rre Makhiya o supile fa ba rutuntshitse bakwadisi ba ditlhopho ba le 102 mo dikgaolong tsa Takatokwane le Letlhakeng/Lephepe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : LETLHAKENG
Event : ithutuntsho ya bakwadisi ba ditlhopo
Date : 16 Apr 2019




