Breaking News

Mosadi o gakolola basetsana go ikgapha

16 Apr 2019

 Kgosi Mosadi Seboko wa Balete o gakolotse basetsana go ikgapha mo go tsholeng bana pele ga lenyalo.   

 Kgosi Mosadi o gakolotse jaana bosheng kwa letsatsing la botsogo le go itshidila mmele kwa Ramotswa. 

O rile mokgwa wa go tshola bana pele ga lenyalo o tlogela morwalo wa go godisa bana mo basading ba le nosi. 

Ka jalo Kgosi Mosadi o ne a kgothatsa bomme go itlhokomela thata e le tsela nngwe ya go fenya kutlobotlhoko. 

A re le fa borre bangwe ba duela madi a tlhomokomelo ya bana se ga se thuse sepe ka gore bana ba tlhoka tlhokomelo ya batsadi boo bababedi. 

Kgosi Mosadi a re le fa kgang e e le kgwetlho mo setshabeng,  ngwana wa mosetsana o tshwanetse a itlhokomela le go ikgapha mo tlhakanelong dikobo.  

A re fa ba sa kgone go ikgapha mo tlhakanelong dikobo ba tshwanetse ba itshireletsa fa ba tlhakanela dikobo go hema boimana. Kgosi o ne gape a kgothatsa bomme go ithokomolosa le go tshaba botsalano jo bo rotloetsang kgokgontsho ya bong.

Le fa go ntse jalo o ne a supa fa a itumela ka gore dipalo di supa fa dipolaano tsa baratani diwetse tlase. 

O kaile fa se se tshwenyang thata mo bogompienong e le dipalo tse di kwa godimo tsa go itseela dikobo ka dikgoka tse e bileng di amana le tiriso  botlhtswa ya nnotagi. 

Moithuti kwa mmadikole Kefilwe Kilego o supile fa setshaba se lebanwe ke dikgwetlho  di tshwana le go kotlomela maikutlo tse e leng gore go le gantsi dibakwa ke go tlhoka go nna teng ga borre  mo kgodisong ya bana. 

Kefilweo a re go le gantsi go tlhoka go nna teng ga borre mo kgodisong ya bana go baka tiriso botlhatswa ya dinnotagi. 

Ka jalo Kefilwe  ga mmogo le baithuti ka ene ba tsere boikarabelo jwa go lemotsha borre botlhokwa jwa go nna teng mo kgodisong ya bana ba bone. 

Ba ne ba kgothatsa borre go tsaya karolo mo kgodisong ya bana. 

Moeteledipele wa lekgotla la boikuelo la Setswana Kgosi Mothibe Linchwe o kgwetlhile  dikomiti tsa botsogo le maloko a tsone go bona gore maitlamo a bone a tsamaelana le ditsetlana tsa tebelopele ya setshaba ya 2036.

O ne gape a  supa fa a tshwenngwa ke gore borre ba didimetse fela ka dikgang tse di amanang le kankere ya borre ntswa e ama borre ba le  bantsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : RAMOTSWA

Event : Letsatsi la botsogo

Date : 16 Apr 2019