Breaking News

Khansele e akgola dikomiti tsa ditlhabololo

16 Apr 2019

Khansele ya Bokone Bophirima e akgotse dikomiti tsa ditlhabololo ka go di abela dietsele el e go lemoga gore dintsha maduo e bile dibuka tsa bone di phepa.

E rile a bua kwa kabong dietsele e, tona wa thuto go tswa moding Rre Bagalatia Arone a supa fa dikomiti tsa ditlhabololo e le tsone di itseng thata ka ditlhabololo tsa metse. 

Tona Arone o ne a kgothatsa  dikomiti tsa ditlhabololo go tshegetsa tsetlana ya Botho ka gore Botho ke jone jo ngwao ya Setswana e ikaegeleng ka jone.

Rre Arone a re dikomiti tse, di na le dithata tsa  go tswa ka mananeo a ditlhabololo.  

A re dikomiti tsa ditlhabololo di na le dithata tsa go batla dithuso tsa madi a a ka thusang metse ya bone ka thuso ya khansele. 

O supile fa khansele ya Bokone Bophirima e na le dikomiti tsa ditlhabololo di le masome a a supang le boferabongwe, tse di masome mane le bobedi di kwa Maun fa di le masome mararo le bo supa di kwa kgaolong-potlana ya Okavango. 

Rre Arone a re dikomiti tsa ditlhabololo ke seikokotlelo sa ditlhabololo mo Bokone Bophirima. A re go bonala fa dikomiti tsa ditlhabolo di ikgolagantse le ba dikgwebo gore ba kgone go dira ditlhabololo dingwe. 

O supile fa dikomiti tse dingwe di kgonne go aga diofisi, go baakanya matlo fa tse dingwe di ne tsa thusa mo go tlhongweng ga makgotlana a itshetso. 

A re mo go thusitse mo go tlhameng ditiro le go diragatsa ditlhabololo gammogo le go tokafatsa matshelo a batho.

Tona Arone a re dikomiti tsa ditlhabololo mo kgaolo e di thusa thata mo go feng badirelapuso boroko ka gore puso ga e kgone go ba fa boroko botlhe. 

O kaile gape gore dikomiti tsa ditlhabololo di na le seabe se segolo mo go tlhabololeng thuto go tswa kwa moding ka gore dikomiti tsa ditlhabololo di ne tsa aga dikole tsa bana ba bannye tse di sa lopeng madi a mantsi.

Le fa go ntse jalo, a re puso e  itse dikgwetlho tse di lebanyeng dikomiti tsa ditlhabololo di tshwana go tlhoka ditsompelo tsa go dira ditiro dingwe, a supa fa se se ba kgoreletsa go dira ditiro di tshwana le tsa ditsela le maranyane a puisanyo.

A re puso e itse gape ka dikatso tse di kwa tlase tsa dikomiti tsa ditlhabololo.

Komiti ya ditlhabololo ya Shakawe Bophirima e ne ya tsaya maemo a ntlha e latelelwa ke ya Mabudutsa kwa Maun fa ya boraro e ne ya ikgapelwa ke komiti ya kgotla ya Meno kwa Maun. 

Sekgele sa maemo a ntlha e ne e le P14 500,  kopi le ditlankana tsa maloko fa sa bobedi e ne e le P4 500, kopi  le ditlankana mme sa boraro e ne e le P2 000 le kopi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MAUN

Event : kabo dietsele

Date : 16 Apr 2019