Kgosi Letsholathebe o lela ka go thujwa ga matlo
16 Apr 2019
Kgosi wa Tsamaya mo Bokone Botlhaba a re ga a jesiwe diwelang ke borukutlhi jo bo goleleng pele jwa go thujwa ga matlo.
E rile a bua mo potsolotsong le bosheng, kgosi Zenzo Letsholathebe a re magodu a a tlhasetse motse wa gagwe ka go thuba matlo mme a rwale sengwe le sengwe, le dithoto tse di bokete tota.
“Magodu a fa a tsena mo ntlong ba rwala ditilo, malao, ditsidifatsi gotlhe le dipitsa mme a tlogela ntlo e le lohalahala.”
A re fa ba lebisisa seemo se ba lemoga fa go thuba bana ba motse ka gore go thujwa malwapa a a sa nneng ope mme se se raya gore go utswa batho ba ba itseng gore ke malwapa a fe a a sa nneng ope.
Kgosi o tlhalositse fa magodu a ba rwala dithoto ka dikoloi tse di bulegileng ba bo ba ya go feta kwa molelwaneng wa twantso matlhoko a leruo wa Bisoli bosigo ba leba ntlha ya Francistown.
O supile fa mokgwa o, e le wa Batswana ka ba tlhaloganya gore mapodisi ga ba theogele bosigo kwa Bisoli.
Kgosi a re se se utlwisang botlhoko ke gore mo nakong ya gompieno mapodisi ga ba ise ba tshware ope.
O tlhalosa fa magodu a tlhorontsha barutabana kwa sekoleng se segolwane sa Shanganani.
O supile fa bogodu jo bo kekela ka e bile dirukutlhi tse di tsena kwa matlong a borobalo a bana ba sekole motshegare fa bana ba le kwa dithutong.
Kgosi Letsholathebe a re matlo a borobalo a bana ba sekole ga a lotlelwe, ka jalo go nna motlhofo gore magodu a tlole terata a tsene.
O tlhalositse fa gantsi magodu a tsena fa dikole di bulwa ka ba batla diaparo tse disha tse bana ba tlang ba di reketswe.
Kgosi a re bana ga ba a babalesega ka gore dinokwane di kgona go ba fa dino le ditagi ka terata ka e bile sekole se le fa gare ga motse.
Ka jalo, Kgosi Letsholathebe a re e le bogogi jwa Tsamaya le Siviya ba kopane le bogogi jwa sekoloe go buisana ka fa bana ba sa babalesegang ka teng.
A re ba dumalane gore ba tlaa kopana le lephata la thuto le tlhabololo dikitso gore bogolo ba agelele sekole ka lebotana kana waere e e mitlwa go itsa magodu go tlolela.
Kgosi a re dikomiti tsa twantsho borukutlhi di teng e bile di bereka thata le mapodisi le ntswa di fekeediwa ke dirukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : TSAMAYA
Event : Potsolotso
Date : 16 Apr 2019




