Ba Maun ba rapela kgatlhanong le dikotsi tsa tsela
16 Apr 2019
Mookamela sepodisi sa Maun, Superintendent Motlhaba Ramaabya o kgothaditse bakgweetsi go nna kelotlhoko ka malatsi a Paseka.
Superintendent Ramaabya o buile jaana kwa tirelong ya dithapelo kgatlhanong le dikotsi tsa tsela e e neng e rulagantswe ke Botswna Christian AIDS Intervention Programme (BOCAIP), Motor Vehicle Accident (MVA) Fund le lekgotla la dikereke kwa Maun ka Mosupologo.
O tlhalositse fa malatsi a boikhutso a tshabelelwa ke go nna le dikotsi tsa tsela ka bakgweetsi le ba dikereke ba tsaya maeto.
Superintendent Ramaabya a re go lemotshegile fa boitshwaro jwa bakgweesti e le jone tshoso e rweleng mo go bakeng dikotsi fa go tshwantshanngwa le seemo sa dikoloi le mabaka a mangwe.
Ka jalo, Superintendent Ramaabya o gwetlhile bakgweetsi go tsamaya ka lebelo le le letlelesegang le go obamela matshwao a tsela.
O gakolotse bakgweetsi gore ba emise go kgweetsa ba itshietse.
Superintendent Ramaabya o tlhalositse gore go nnile le dikotsi tsa tsela di le lesome le bongwe ngogola, mme e nngwe mo go tsone e ne e le masisi le fa go ne go sena dintsho.
A re palo eo e tshwana le ya dikotsi tse di gatisitsweng ngwagatlola.
O gwetlhile badirisi ba tsela go fokotsa dikotsi le go tlhomamisa gore ga go nne le dintsho.
Mogolwane wa MVA Fund kwa Maun, Rre Cecil Mosojane o tlhalositse fa lebaka la dithapelo e le go bo go lemogilwe fa dikotsi tsa tsela di diragala gantsi ka malatsia a Paseka.
Rre Mosojane o gakolotse dikereke go rulaganya mesepele le go dira diteseletso tsa mosepele go sale nako go itsa go emela letsatsi la bofelo mo go bakang mosuke.
O ne gape a re ba emise go tlala mo dikoloing.
Fa a amogela batsena dithapelo, Kgosi ya Boseja, Reverend Kegaisamang Ramokwena o ne a gatelela fa boitsholo jo bo maleba e le jone mmangmang mo tseleng go hema dikotsi.
Kgosi Ramokwena a re dithapelo di botlhokwa mme Modimo o ka seke a sireletse bakgweetsi ba ba kgweetsang makgwakgwa.
O ne gape a gakolola bakgweetsi go fokotsa lebelo, a tlatsa ka go re Modimo o file batho ditlhaloganyo tse di gaisang tsa ditshidi tsotlhe gore ba dire se se tshwanetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Tirelo ya Dithapelo
Date : 16 Apr 2019




