Breaking News

Dulux Botswana e shafatsa sekole

15 Apr 2019

Khamphani ya Dulux Botswana e shafaditse sekole se sebotlana sa Tsabong e le tsela nngwe  ya go  tsholetsa serodumo sa sone ka go tokafatsa thuto mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

Fa a bua kwa tshimolodisong ya go penta dikago tsa sekole seo e e tlaa welang mo bekeng e e tlang, motshwarelela mookamela lephata la thuto go tswa kwa moding Mme Maipelo Kesenye o  tlhalositse fa ngwana e le mpho ya setshaba. 

A re ka jalo go botlhokwa gore setshaba ga mmogo le batsaya karolo ba tsenye letsogo ka go itlhophela dikole ka go tshwaragana le lephata la thuto go thusa go tsholetsa serodumo sa thuto.

O supile fa e ne ya re ka 2011 lephata la thuto la tlhaba mokgosi mo go botlhe ba-na-le eabe go tshwaraganela thuto ka seo se ka thusa mo tokafatsong ya maduo.

Mme Kesenye o ne a phophotha legetla ba khamphani ya Botswana Dulux tiro e ntle e ba e dirang ya go shafatsa sekole seo a re seo se tlaa tiisa moko barutabana gammogo le baithuti go tlhoafalela dithuto tsa bone.

Fa a bua maikaelelo a letsatsi, Rre Archie Seane o ne a tlhalosa fa maduo a lokwalo lwa bosupa a sekole seo a ngogola a sa itumedise. 

O  supile maduo a wetse tlase ka a ne a tsamaya fa go  43 per cent ka matshwao a ABC fa go tshwantshanngwa le maduo a ngwagatlola ka  53 per cent ka matshwao a  ABC.

Rre Seane o boletse fa baithuti botlhe ba ba mo sekoleng seo ba le 867 go simolola ka baithuti ba tonto tshipidi go ema ka lokwalo lwa bosupa.

Mo mafokong a gagwe mogolwane go tswa kwa Botswana Dulux Rre Ayanda Sempe o tlhalositse fa maikaelelo magolo a bone e le go busetsa bontlha bongwe jwa madi a  ba dirang  mo setshabeng ka go ba ruthuntsha ka dikitso ka khamphani ya bone,  bogolo jang banana ka seo se ka ba thusa go ipulela dikgwebo ka maikaelelo a go fokotsa letlhoko la ditiro.

O ne a bolela fa mo nakong ya gompieno ba setse ba rutuntshitse batho ba feta sekete mme gape ba kgonne go tsenya letsogo mo mhameng wa  thuto ka  go penta dikago tsa dikole tse di farologanyeng  kwa Molepolole, Kasane le Selebi Phikwe.

Modulasetilo wa khanselele ya Kgalagadi Rre Meleko Thumpe o ne a leboga mopalamente wa Kgalagadi Borwa e bile e le tona wa dikgaolo le tlhabololo magae  Rre Frans Van Der Westruhuizen go bo a ne a tswa ka mogopolo wa go gopola sekole seo ka go ba kopela dithuso mo komponeng ya Botswana Dulux.

Modulasetilo o ne a bolela fa  baithuti ba tshwanetse go itlama go fetola maduo e bile a gwetlha batsadi go tsenya leitlho le go kgothatsa baithuti mo dithutong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Tshimolodiso ya go penta dikago tsa sekole

Date : 15 Apr 2019