Ba ga Mathibatsela ba tshwere ka thata
15 Apr 2019
Mo potsolotsong le BOPA bosheng Kgosi Gofaone Khukhwane o tlhalositse gore le fa Kodibeleng a santse o gata dikgato tsa bonyana, o na le tshepo ya gore ditlamelo tsa botlhokwa di tlaa tswelela ka go rothegela mo motseng wa gagwe.
A re Kodibeleng o agilwe ka dikgotlana tse tharo ka palo ya morafe e e ka tshwarang 2 100.
Le fa o wela ka fa tlase ga kgaolo-potlana ya Shoshong mo ga MmaNgwato, motse wa Kodibeleng o ikadile ka bokone jwa motse wa Shoshong.
O agilwe ke morafe wa Bakwena le Basarwa.
Le fa leina la motse e le Kodibeleng, Kgosi Khukhwane a re motse o tlholegile o bidiwa wa ga Mathibatsela, e le leina la Kgosi wa pele.
“Le mo nakong eno morafe wa Kodibeleng ba ikana o re ke, morafe wa ga Mathibatsela.”
A re leina Kodibeleng ke la letsha le le gaufi le motse mme le namola morafe mo lenyoreng ka le kgona go tshwara metsi ka lobaka.
“Letsha leo, le thusa barui ka metsi a a nowang ke leruo,” ga tlhalosa Kgosi Khukhwane.
Kgosi Khukhwane a re morafe wa gagwe o itshetsa ka temo, sebe sa phiri ke gore ba tlhorontshiwa ke leruo le le senang tlhokomelo, selo se se kuketsang dikgotlhang mo motseng.
O supile gore palo e ntsi ya morafe wa Kodibeleng ba lema kwa masimong a Ramantswe mme ke bone ba ba tshwenngwang thata ke tshenyo ya leruo.
“Dingwe tsa dikgomo tse di tshwenyang balemi ke tsa matimela,” ga tlhalosa Kgosi Khukhwane.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Khukhwane a re bontsi jwa dikgang tse di amang tshenyo ya diwalo mo masimo di rarabololwa ka boammaaruri.
Sengwe sa dilo tse di tshwenyang kgosi ke boitseme jwa banana mo go diriseng mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone.
A re le fa ba nyafala go dirisa mananeo a puso, ba inaakantse le nnotagi, seemo se se ka ama botsogo jwa bone.
A re letlhoko la ditiro le dira gore banana ba tsee nako e ntsi ba phuthile mabogo ka go se motlhofo gore ba ka hirwa botlhe mo Ipelegeng.
Kgosi Khukhwane a re tikologo ya motse wa gagwe e humile dibapalwa-nageng, segolo bogolo kungwa ya mogwana, e e dirisiwang thata go titiela khadi.
A re seemo seo, se dira gore mongwe le mongwe a kgone go rathola, ka jalo go ame thokgamo le kagiso mo motseng.
O rotloeditse morafe wa gagwe go bapala mogwana le go o rekisa go dira letseno le le ka tokafatsang matshelo a bone.
O tsweletse ka go akgola letsholo le le boloditsweng ke sepodisi go lwantsha bogodu jwa leruo la KgomoKhumo ka gore le tlaa thusa go fokotsa borukutlhi jo bo tsereng phekelo e sele.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Khukhwane a re mapodisi ga ba kake ba kgona tiro ya bone ntle le thotloetso ya morafe.
Kgosi Khukhwane o tsweletse a gakolola batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana.
A re o tshwenngwa thata ke batsadi ba ba itlhokomolosang bana mme bangwe ba bone ba felele ba phuagantse sekole ba nna kwa malwapeng.
Le fa go ntse jalo, kgosi o supile gore ka thuso ya morafe, motse wa Kodibeleng o tlaa tswelela ka go gola, mme se se botlhokwa ke go itsege ka ditiro tse di molemo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Gaokgakala Ditsheko a re o dumela gore komiti e dira go utlwala go godisa leina la motse wa Kodibeleng.
Le fa go ntse jalo, Mme Ditsheko a re ba santse ba tshwenngwa ke bahirisi ba ba sa dueleng sentle le gone go duela dikoloto tsa metsi.
A re ba tsweletse ka go loga maano a go dira ditiro tse di tsenyang madi mo letloleng la komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kodibeleng.
Le fa e aperwe ke dikoloto, Mme Ditsheko a re komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kodibeleng e tshwara dibuka tsa madi le dithoto tse dingwe tsa morafe sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : KODIBELENG
Event : Potsolotso
Date : 15 Apr 2019




