Breaking News

Polase ya Lobu e rutuntsha barui

15 Apr 2019

Mogolwane wa tsa boranyane kwa polaseng ya Lobu, Rre Mahundu Mahundu o gwetlhile barui go tsena dithuto tse di ka ba tswelang mosola.

Rre Mahundu o buile jalo bosheng mo dithutong tsa malatsi a matlhano tse di neng di tsenwe ke bangwe ba ba thusitsweng ka mananeo a puso a nyeletso lehuma; LIMID le YDF go tswa Kgalagadi borwa.

O ne a tlhalosa fa maikaelelo a polase ya Lobu, e e simolodisitsweng ka 1978, e le go thusa balemi-barui ba kgaolo ya Kgalagadi le Batswana ka kakaretso ka go atisa leruo la boleng le go le ba rekisetsa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.

Rre Mahundu a re puso e ne ya tsaya tswetso ya go tlhabolola polase eo le go e busetsa gape mo tirisong ka 2017, morago ga gore barui ba kgaolo eo ba ngongorege ka kwelo tlase ya ditirelo tsa yone.

A re mo ngwageng wa madi wa 2018/2019 ba ne ba rutuntsha Batswana ba ba thusitsweng ka mananeo a puso a a farologanyeng ba le makgolo mane le masome  a matlhano. 

O boletse fa polase eo e file kgaolo seriti ka jaana e itsege ka dihutshane tsa mefuta e e farologanyeng, tse di tlhabologileng, tsa boleng jo bo kwa godimo bogolo jang  tsa buruboko, swakara, dorper le karakul.

Mo puisanyong le BOPA, Rre Mahundu o tlhalositse fa polase eo e setse e thusa le balemi-barui ba ba tswang kwa dikgaolong tse dingwe jaaka ya ga Ngwaketse le Kweneng.

Dingwe tsa dithuto tse ba neng ba di ruthuntsha e ne e le go kgaola menala, go kenta, go lwantsha dibokwana, ka fa melemo e dirisiwang ka teng le botlhokwa jwa tlhokomelo ya loruo mo go tseneletseng,  ka seo se thusa go ntsha maduo a a itumedisang. 

Rre Mahundu o boletse fa dihutshane tse di mo polasing eo di le sekete, lekgolo le masome a mane. 

Dikgomo tsone di masome mabedi le boherabobedi mme  dipitse di lesome le bosupa.

Mongwe wa ba ba neng ba tsene dithuto tseo, Mme Cathrine Malatlhelelo wa Middlepits o supile fa dithuto tseo di le mosola ka jaanong a tlaa ya go tlhokomela leruo la gagwe ka fa go tshwanetseng ka teng gore le ate. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : LOBU

Event : Dithuto puisanyo

Date : 15 Apr 2019