Breaking News

Barutabana ba Mokobeng sekao

14 Apr 2019

Mokwaledi wa lephata la thuto go tswa kwa moding Mme Bridget John o galaleditse barutabana ba sekole se segolwane sa Mokobeng mo kgaolong ya Sefhare/ Ramokgonami go nna sekao  ka go agela Mme Malebogo Madidimela ntlo ya bonno. 

A re tiro e ba e dirileng e tlaa aga mo banning ba Mokobeng e bo e ruta baithuti ba sekole se barutaabana bao ba direlang mo go sone gore ba tshwanetse ba kgathale ka ba ba bapileng le bone mme ba bone gore a ba na le tse di tlhokwang ke motho jaaka dijo, diaparo le bonno.

O ne a bua jalo bosheng kwa Mokobeng jaaka fa a ne a rolela Mme Madidimela ntlo eo.

A re morutabana ke ene a fang baithuti tsela e bile baithuti ba beile mo go ene go betla bokamoso jwa bone. 

Mme John a re tiro e barutabana ba sekole seo ba e dirileng e supa tshwaragano e e tshwanetseng e dirwe ke badirelapuso fa ba direla mo metseng ka go farologana, a tlatsa ka go re go botlhokwa ka go a supagala gore badiri ba sekole sa Mokobeng ba tshwaragane le batsadi ba motse mme seo se tlaa ba thusa go dirisanya le bone mo go tsa thuto.

Mme John a re tshwaragano ya barutabana le ba motse wa Mokobeng e ne gape ya ba thusa go bona Mme Madidimela mme se se supa fa barutabana bao ba eletsa gore go tshelwe sentle.

A re ngwao ya Batswana ke Botho mme se barutabana  ba se dirileng se supa se Batswana ba leng sone.

Mme John o ne a kopa batsadi go thusa barutabana mo dikgannyeng tsa didirisiwa tsa sekole di tshwana le dibuka. 

A re fa moithuti a filwe dibuka batsadi ba tshwanetse ba thuse bana go di tlhokomela ka puso ga e na madi a go emisetsa dibuka tse fa gongwe di a bong di senyegile kana di latlhegile.

A re baithuti ba tshwanelwa ke go somarela dibuka tse ba di fiwang kwa sekoleng ka di tsile go dirisiwa ke baithuti ba ba tlang kwa morago ga bone.

Mme John o supile matshwenyego ka dikago tsa dikole tse a reng dingwe di sa tswa go ntshafadiwa mme di setse di le makgasa, a bolela fa batsadi ba tshwanetse ba tshwaragane le barutabana go thusa go somarela dikago tsa dikole. 

Fa a bua ka ntlo e e agetsweng Mme Madidimela mogolwane yo o okametseng tsa thuto mo kgaolong ya legare Rre Sonny Mooketsi o ne a kopa gore go seka ga nna le ope yo o e tsayang kana a mo kgopakgopetsa mo go yone.  

A re ntlo ya ga Mme Madidimela ke ya gagwe le bana ba gagwe mme e seka ya rekisiwa kana ya tsewa ke ope. Barutabana ba sekole sa Mokobeng ba ne gape ba rekela baagi ba Mokobeng ba ba neng ba ithaopa go aga ntlo eo ntle le dituelo dipe didirisiwa tsa kago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Kabo dimpho

Date : 14 Apr 2019