Breaking News

Borukutlhi ga bo jese diwelang

14 Apr 2019

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya kgaolwana ya Thema/Motswedi kwa Lobatse, Rre Andrew Gondo a re borukutlhi bo tsere phekelo e sele kwa kgaolwaneng eo.

Fa a lekodisa ka kgaolwana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mmatoropo wa Lobatse Mme Malebogo Kruger ka Labone, Rre Gondo o boletse fa batho ba amogwa dithoto le motshegare tota.

O kopile banni ba Thema/ Motswedi go tshwaraganela ntwa kgatlhanong le borukutlhi. 

A re go tlhamilwe komiti ya twantsho borukutlhi ya Digodi e mongwe le mongwe mo kgaolwaneng a gololesegileng go inaakanya le yone.

Fa a ema banni ka lefoko, Mme Kruger o tlhalositse gore e tlaa re fa dikole di bulwa, khansele e simolole go fa baithuti ba dikole tse dipotlana sefitlholo se akaretsa borotho, tee le mae.

Mme Kruger o tlhalositse gore go tlaa dirisiwa babereki ba lenaneo la Ipelegeng go baakanyetsa bana dijo tseo tsa moso.

O ne gape a bolelela banni gore madirelo a mashi a Milk Afric a setse a fedile, a tlatsa ka go re dikgomo tsa mashi di ka bo di setse di gorogile, mathata e nnile bolwetse jwa tlhako le molomo kwa Afrika Borwa. 

A re dikgomo tseo, di tlaa goroga fa bolwetse bo sena go alafesega gone kwa Afrika Borwa.

A re kgomo e le nngwefela e tlaa ntsha dilithara tse di masome marataro tsa mashi ka letsatsi. 

A re selo seo se ya go lwantsha tlhaelo ya mashi mo lefatsheng leno mme gape se tlaa tlhamela Batswana ditiro.

Mme Kruger o boletse gore madirelo a matlalo one a santse a saletse kwa morago thata ka go ise go dirwe sepe.

O tsweletse a lekodisa banni ka madi a puso e a fang dikgaolo ngwaga le ngwaga. 

A re ngwaga o o fetileng a ne a kgaogantswe ka dikgaolwana tsa Lobatse tse di lesome le motso, mme a ngwaga wa madi wa 2018/19 a tlaa dira motshelakgabo o o dirisiwang ke batsamaya ka dinao go tswa kwa mapalamelong a dipalamo tsa sechaba go kgabaganya seporo e le maiteko a go hema dikotsi.

O tsweletse a bolela gore ka madi a a dikgaolo a ditlhabololo a le mannye mo kagong e ya motshelakgabo, ba tlaa thusanya le ba Botswana Railways.

O boletse gape gore seemo sa kokelo ya Athlone ke se se ngomolang pelo. 

A re ba kopile gore e fetolwe go nna e e amogelang balwetse go tswa dikokelong tse dingwe ka jaana e le yone e thusang balwetse go tswa metseng e e dikologileng toropo ya Lobatse.

Mookamela lekgotla la Thema/Motswedi Rre Omphitlhetse Sekgororwane o ne a lebogela mmatoropo go lekodisa batho ba Lobatse ka seemo sa ditlhabololo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Apr 2019