Bana ba masiela ba fiwa lorato
14 Apr 2019
Seabe sa setshaba ka kakaretso, magosi le botlhe ba ba amegang mo kgodisong ya bana se ka nyeletsa seemo sa mo nakong eno sa gore bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi ba lejwe jaaka ba ba tlhokileng lesego.
Mafoko ao a builwe ke mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Detto Molatlhegi kwa moletlong wa go abela bana ba masiela go tswa kwa Taupye le Shakwe dimpho.
Moletlo o o ne o rulagantswe ka thotoetso ya Botswana Railways le morafe wa China mo Botswana kwa Mahalapye ka Labotlhano.
A re bana ba masiela ba tshwanetse ba tshwaraganelwa ke botlhe go lwantsha dikgwetlho tse di ka ba kgoreletsang mo botshelong.
Rre Molatlhegi o supile gore bana ba ba tswa mo malwapeng a a farologanyeng, ka jalo mabaka a bone a botshelo le one a a farologana.
A re bangwe ba tshelela ka fa tlase ga kgokgontsho, ka jalo ba tlhoka thuso e e lebaganyeng seemo seo, a supa fa go le botlhokwa go bona bana bao ba tshela jaaka ngwana mongwe le mongwe.
Rre Molatlhegi a re bana ba masiela ba amilwe ke kutlobotlhoko ya go latlhegelwa ke batsadi, ka jalo ba tshwanetse go kaelwa tsela gore ba lemoge fa ba na le isago e sere gongwe ba itlhoboga.
A re go buisiwa dipuo tse di fapogileng tse di supang gore ba pharologanyo ka tsela nngwe go ka kgoreletsa kgolo ya bana.
A re bana bangwe ba idiwa go tsena sekole ke batlhokomedi ba bone.
O supile fa tshidilo maikutlo e le botlhokwa mo botshelong, ka jalo ba lephata la boipelego ba dire ka natla go thusa bana ba.
Rre Molatlhegi a re batlhokomedi ba bana le bone ba tshwanetse go sidilwa maikutlo le go kaelwa gore ba kgone go godisa bana sentle.
A re batsadi bangwe ba tsweletse ka go ikabela dithuso tse di fiwang bana ba masiela kana ba di abela bangwe ba masika le ba bangwe ba di sa ba lebanang.
A re go dira jalo ke go kgokgontsha bana.
Rre Molatlhegi a re ope yo o dirang jalo o tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng go dirisiwa molao.
Rre Molatlhegi o supile botlhokwa jwa gore bana ba masiela ba godisediwe mo malwapeng e seng kwa mafelong a a faphegileng a tlhokomelo bana ba ba senang batsadi jaaka la SOS.
O tladitse ka go re tikologo ya mo malwapeng e fa ngwana sebaka sa go gola sentle.
Mogolwane wa lephata la boipelego Rre Motelebane Motelebane a re go rulaganya tiro ya mofuta o, ke go tiisa bana ba masiela moko ka go ba fa lorato go supa fa ba sa latlhega.
Rre Motelebane a re go ba tsisa mo lefelong le le faphegileng jaaka otele ya Cresta ke go ba kaela tsela gore ba nonofe mo moweng mme ba eletse go ipona ba dirile sengwe se se botlhokwa mo isagong.
Mongwe wa bana ba ba neng ba tseneletse moletlo oo, Samuel Bopama, a re le fa a tlhokafaletswe ke batsadi a sale mmotlana o ne a seka a ineela, mme a tia moko go fetola botshelo jwa gagwe.
O supile gore o ne a tswelela a dira sentle mo dithutong a sa kgoreletsege ka tsela epe.
Samuel a re o lebogetse thata ditlamelo tse a neng a di fiwa ke puso ka fa tlase ga lenaneo la bopielego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : MAHALAPYE
Event : Moletlo wa go abela bana
Date : 14 Apr 2019




