Kgosi Malope o amogela ditanka
14 Apr 2019
Kgosi Malope II wa Bangwaketse e rile bosheng a amogela ditanka tsa metsi di le tlhano go tswa kwa Choppies mo Kanye.
Fa a amogela ditanka tseo, Kgosi Malope o ne a tlhalosa fa a kile a itela mo go mongwe wa bagwebi ba lebentlele leo, a mmolelela fa go na le letlhoko la metsi mo Kanye.
A re mogwebi yoo o ne a solofetsa fa a tlaa kopela Kanye ditanka tsa metsi mo Choppies ka jaana a dirisanya le bone mo go tsa kgwebo, mme a mo lebogela gore ka boamaaruri o diragaditse tsholofetso ya gagwe.
Kgosi o ne a fetisetsa ditanka tseo kwa Water Utilities Corporation (WUC) gore ke bone ba bone gore ba ka di isa kae ka ke bone ba itseng botoka gore letlhoko le le ntsi kae.
Fa a bega ditanka tseo, Rre Jacob Sesinyi, yo o boletseng fa e le mogakolodi wa Choppies, o ne a re le fa di sa lekana, di tlaa thusa.
Rre Sesinyi a re ba bone go le molemo gore ba di lere kwa go Kgosi ka ba itse fa a tlaa di aba ka tekatekanyo a sena go sekamela gope ka jaana bana e le ba gagwe botlhe.
A re ba tlaa di agela bodilo gore di seka tsa tsenya badirisi dingalo fa ba aga metsi, a ba a solofetsa fa WUC e tlaa tlhomamisa gore di nna fela di na le metsi.
A re ga ba eletse go bona ditanka tseo jaanong di tsalela dipeba.
Fa a leboga, mothusa kgosikgolo Kgosi Kebapetse Telekelo o ne a akgola Kgosi Malope a ba a kopa dikgosana go tsaya malebela mo go ene.
Kgosi Telekelo a re Kgosi Malope o ba bontshitse gore kgosi o tshwanetse go kopana le batho ba gagwe ba ba farologanyeng a tsaya dikgang le bone tse e a reng morago di ntshe maduo.
O kgothaditse baeteledipele go tswa ka maano a a ka tswelang morafe mosola.
Kgosi Telekelo o bile a kopa batsena phuthego gore ba seka ba bo ba ya WUC ba re ba ya go ikopela ditanka tse Choppies e di abileng, a re bogolo ba rome dikgosana tsa bone. ENDS
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Kabo dimpho
Date : 14 Apr 2019




