Breaking News

Thupa ke yone fela molemo

11 Apr 2019

Bakgatla ba ga-Kgafela ba kopile puso go busetsa thupa ba re ke yone e ka fedisang kgokgontsho ya bana.

Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke komiti kgolo ya tlhokomelo ya bana kwa Mochudi bosheng, ba boletse fa ba sa robatswe ke dikgang tsa kgokgontsho mo baneng, ka jalo ba bona fa thupa e le yone fela e e ka tsisang tharabololo.

Ba supile fa thupa e aga motho, ba tlatsa ka gore bangwe ba inaakantse le diritibatsi tse di ba tlhotlheletsang go dira melato ya go robala le bana ba basetsanyana mo go seng ka fa molaong.

Ba boletse fa go sena mosola go isa batho kgolegelong ka ba ja sentle ebile ba tlhokomelesega botoka ka ga ba diege le kwa dikokelong go bona kalafi, mme ba tlhalositse fa thupa e tlaa tsenya batho mo tseleng.

Go lemosega fa bana ba tlhakanela dikobo le borre ba batona ka thotloetso ya bommaabone ka lebaka la gore ba rekelwa dijo.

Mongwe banni, Rre Tumediso Tladi a re selo se, se tshwanetse go emelwa ka dinao, a tlatsa ka gore mo malwapeng mangwe, bangwe ba na le bakgwenyana le ntswa ba sa nyadisa bana mme se se na le ditlamorago tse di sa siamang jaaka dipolaano.

Mme Naso Molatlhegi ene o ne a gatelela mafoko a gore batsadi ga ba godise bana ka fa tshwanelong, mme a ba kopa go dibela bana ba bone gore ba seka ba dirisiwa botlhaswa.

Rre Kwape Ntshole o boletse fa bogologolo bana ba ne ba kgalengwa ka thupa.

E rile a buisa phuthego e, Rre Peter Siele, yo a neng a emetse lekgotla la bana la UNICEF, a bolela fa puso e tshwenngwa ke go dirisiwa ga bana botlhaswa segolobogolo mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Ditiragalo tse di baya bana mo kotsing ka nako e ntsi go a bo go sa dirisiwe sekausu mme bana ba felele ba tsenwa ke malwetse a a tshwanang le HIV le AIDS.

Fa gongwe, motho wa ditiro tse o a sirelediwa, go lebilwe maemo a gagwe, mme Rre Siele o supile fa se se sa siama ka jaana ngwana ene o a bo a supiwa ka monwana, a pegwa molato ntswa e se ene tshoso e rweleng.

Dilo tse di tshwentse puso ke ka moo mohumagadi wa ga Tautona a tsereng boikarabelo jwa go lwantsha kgokgontsho e, mme ebile a simolotse lenaneo la #esengmongwaneng.

Rre Siele o ne a kopa batsena phuthego gore ba itshekatsheke, mme ba bone gore kgato go ka tsewa efe.

A re dipatlisiso di supile fa bana ba setse ba itse ka thobalano ba santse ba buduletse.

O kopile batho go bopa dikomiti tsa tlhokomelo ya bana.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Apr 2019