Mmatla kgomo kodumela...
11 Apr 2019
Motse wa Setsile kwa kgaolong ya Legare ke lengwe la mafelo a santseng a fatlhoga, ka jalo ditlamelo dingwe tsa botlhokwa e santse e le dikeletso fela.
Go nna le sekole ke nngwe ya dikeletso tsa motse o o ikadileng mo letlhakoreng la moja la tsela e e yang Kudumatse, dikhilomethara di le lesome le bone go tswa Mahalapye.
Le fa go ne go na le matlhasedi a gore Setsile o tlaa agelwa sekole se se botlana, bana ba motse oo ba santse ba patelesega go latela motswedi wa botshelo kwa Mahalapye le Mokoswane.
Mosepele wa baithuti ba, o faraferwe ke dikgwetlho ka go farologana.
Sengwe sa dilo tse di ngomolang pelo ke gore bontsi jwa bana ba, bo sa ntse bo fatlhoga mme ba tlhoka go tsamaisiwa tshipidi ka go tsena sekole gaufi le batsadi.
Ka gotwe: mmatla kgwana ya gaabo ga a swe lentswe, bana ba Setsile ba itomile molomo wa tlase go tswelela ka mosepele wa bone wa thuto.
Bangwe ba batsadi ba bana ba, ba re ba itlamile go dira gotlhe go tsenya bana sekole.
Letlhoko la ditiro le lone ke sa khuranyo ya meno mme go thata ya lentswe go bona shelengnyana wa go itshetsa.
Bagolo le banana ba Setsile ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng go bona ditiro tsa nakwana.
Mme Masego Leditsa, motsadi wa bana ba le bane, a re ga go motlhofo go bona madi a a duelelang bana mosepele wa go ya sekoleng.
Mme Leditsa a re toro ya gagwe ke go bona Setsile a na le sekole se sebotlana.
“Ga re robale, seemo se se re tshedisa bokete. Motsadi yo o nang le bana ba le palonyana jaaka nna, o tshelela mo lehumeng,” a tlhalosa.
O supile gore le fa ba sa ineye sepe, seemo se ba gwetlha go hirela bana sepalamo.
A re ba ikaegile ka Ipelegeng mme kgwedi e motho a sa bonang phatlha go nna thata go bona madi a a duelang sepalamo sa bana.
Mme Leditsa a re ke boikarabelo jwa motsadi gore ngwana a bone thuto.
Batsadi ba supile fa seemo se, se ba tsenyang mo kgwetlhong ya go adima madi ka tsholofelo ya gore ba tlaa thapiwa mo Ipelegeng.
A re mosepele o lopa P140 ngwana mongwe le mongwe ka kgwedi.
Batsadi ba supile gape gore seemo sa loapi ke kgwetlho ka gore ba patelesega go ralala dipula, serame kana mogote o o feteletseng ba le mo mosepeleng wa go latela thuto.
Ba re mosepele o tsenya bana ba bone mo diphatseng le gore mo mabakeng a mangwe ba goroga thari kwa dikoleng mme ba siiwe ke dithuto.
“Le fa re bereka Ipelegeng, re setlhafaletse ruri ka gore matsananyana a teng a felela mo sepalamong sa bana,” ga tlhalosa Mme Leditsa.
A re seemo sa go phakela se dira gore bana bangwe ba felele ba tshaba sekole kana ba sa kgone go ithuta sentle.
“Fa motsadi a sena madi bana ba kgona go palelwa ke go ya sekolong ka go se motlhofo go bona mosamarea yo molemo yo o ka pegang bana mahala,” Mme Leditsa a kaya.
Mme Caroline Mpolokang ene o supile gore le fa go se motlhofo, o kopela bana mosepele mo dikoloing tsa beng moso le moso.
Mme Mpolokang a re letlhoko la madi le dira gore mosepele wa bana o nne thata le go feta.
“Dikole le tsone di tshwenngwa ke gore bana ba rona ba goroga thari ka mabaka a go tlhoka sepalamo se se tlhomameng ebile se ikanyega,” a tlhalosa.
A re khansele e ne ya tswa ka mogopolo wa go ba tsisetsa kara ya ditonki mme ba se ka ba dumalana.
“Tota re ne re sa o gane fela re ne re na le mabaka a gore mosepele wa kotsekara o bonya mme o pateletsa gore bana ba rwale masigo ka tlhogo le gone ka nako ya dipula phologolo e go tweng tonki e nna bodipa le go feta ka jalo mosepele wa bana o ka se nne bonolo. Re bone go le botlhokwa go tswelela re sokola ka maiteko a re a dirang,” Mme Mpolokang a supa.
A re dikgwetlho tse bana ba kopanang le tsone di ngomola pelo a re gore go ne ga diragala ka lengwe la malatsi gore bana bangwe ba palame koloi ya rre mongwe, bagoma ba sa tlhalosa gore ga ba na madi a go leboga mosepele.
A re e ne ya re go gorogeng kwa Setsile, rre yo o a phutholola lebogo go amogela tuelo, mme ka dikgwatlha di ne di phunyegile bagoma ba shadikanya matlho.
Rre yoo o ne a ikadima bana ka moretlwa ba goroga kwa malwapeng ba putsa-putsa dikeledi.
Keletso ya batsadi ke gore puso e ba thuse ka sepalamo go fefosa le go tlhofofatsa mosepele wa bana go ya sekoleng.
Mme Mpolokang a re o leboga thuso ya ofisi ya boipelego ee kileng ya rekela baithuti ba paka ya sekole.
Mongwe wa batsadi, Mme Kelebogile Oalotswe, a re seemo sa go tlhoka sepalamo ke nngwe ya dikgwetlho tse ba se kitlang ba itsapa go di lwantsha.
A re go ineela go ka kgoreletsa bana mo mosepeleng wa go ipetlela isago e e nonofileng.
O supile gore bangwe ba bone ba dira metshelo ya go adimisa madi gore ba kgone go tlamela bana.
“Bangwe ba patelesega go rathola majalwa a Setswana ka maikaelelo a go dira madi gore ba kgone go duelela mosepele le go ba rekela dipe tse di tlhokwang ko sekoleng,” a supa.
Mme Oalotswe a re tshireletsego ya bana ga e jeseng diwelang ka bangwe ba iphetotse dilalome. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : SETSILE
Event : Potsolotso
Date : 11 Apr 2019




