Kwa Setsile ba atla mananeo
11 Apr 2019
Banni ba Setsile kwa kgaolong ya Legare ba inaakantse le mananeo a puso go itlhotlhora lehuma.
Mongwe wa bone ke Rre Domi Kgatlhang yo o ruileng dihutshane ka thuso ya lenaneo la Nyeletso Lehuma ka 2013.
Rre Kgatlhang o boletse mo potsolotsong fa thuo e se selo se se motlhofo ntateng ya dikgwetlho tse di farologanyeng.
Rre Kgatlhang o kaile botlhokwa jwa gore ba ba thusitsweng ba abelwe dikitso tsa kgwebo gore ba kgone go itshokela dikgwetlho.
A re o simolotse thuo ka dipodi tse supa, a tlhalosa fa dihutshane di tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng gore di ate.
“Ke tswa kgakala ke rata thuo ya dihutshane ka jalo ke kgona go di tlhokomela go le bonolo," a tlhalosa jalo.
A re mo bogompienong, dipudi tsa gagwe di 1esome le boferabongwe.
Fela Rre Kgatlhang a re dibatana le bogodu di kgoreletsa go ata ga leruo la gagwe.
Rre Seeletso Moipei ene o inaakantse le thuo morago gago abelwa dikgomo ka lenaneo la banana ka 2015.
A re o simolotse ka dikgomo di le lesome le botlhano mme tsa ganyaolwa ke mopalo.
Rre Moipei a re go tlhoka go dira dipoelo go tlaa felela go mo tsenya mo mathateng a go busa bontlha bongwe jwa dithuso ka madi a a neng a thusitswe ka o ne e ne e le kadimo.
A re lerato la gagwe mo thuong le tlhotlheleditswe ke sebaka se a se tsereng a direla kwa ofising ya matlhoko a leruo ka lenaneo la Tirelo Sechaba.
Sengwe sa dilo tse di sa jeseng Rre Moipei diwelang ke gore ofisi ya banana e nyafala go lekola dikgwebo tsa bone gore ba kgone go lemoga dikgwetlho tsa bone le go ba thusa ka maano.
Mme Mmantukunu Thankane yo le ene a thusitsweng ka Nyeletso Lehuma ka dipudi di le lesome le boraro ka 2012 a re seemo sa leuba se ne sa kgoreletsa letsalo mo dipuding tsa gagwe.
“Ke ne ka sala ka dipudi di supa mme mo nakong eno di atile fela thata. Ke na le dipudi di le lesome boferabobobedi le dipotsane di le lesome le boferabongwe,” ga tlhalosa Mme Thankane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : SETSILE
Event : Potsolotso
Date : 11 Apr 2019




