Mapodisi a Kazungula a tlhotlhomisa kgang ya polao
10 Apr 2019
Mapodisi a Kazungula a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse masome a mabedi a fitlhetsweng a tlhokafetse kwa Newstance ka Mosupologo phakela.
Senior Superitendent Mack Sonny a re mosadi yoo, yo o tlholegang kwa Pandamatenga, o ne a rapaletse mo bodibeng jwa madi, mme ebile a na le dintho tse di supang a tlhabilwe ka sengwe se se bogale.
Snr Supt Sonny a re ba ne ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Kasane kwa go fetileng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse.
A re ba ne ba tswa letsholo go batla mokapelo wa mosadi yoo, mme ya re ka Labobedi maitseboa ba kgona go mmona.
A re monna yoo, yo o dingwaga tse masome a mabedi le bosupa yoo tlholegang kwa Bobonong, o ba thusa ka ditlhotlhomiso, a tlatsa ka gore ba mo tshegeditse go fitlhela a itshupa fa pele ga kgotla ya ga mmakaseterata ya Kasane mo bogaufing.
E re dikgang di eme jalo, Snr Supt Sonny a re mmelaelwa o nale kgang e nngwe ya mofuta oo, fa pele ga kgotla kgolo ya ditsheko kwa Francistown, mme o ne a letetse tsheko kwa ntle.
A re kgang eo e diragetse ka 2016 kwa Pandamatenga.
Snr Supt Sonny a re kgang eo ya polao ke ya ntlha ngwaga ono, a tlatsa ka gore mapodisi ba tshwentswe thata ke dipolao tsa batho, a supa gore kwa Kazungula, ba ntse ba nna le kgang ya polao e le nngwe ngwaga le ngwaga go simolola ka 2017.
O kopile baratani gore fa ba nna le tlhoka kutlwisisanyo ba itsise batsadi, mapodisi, bogosi kana baboipelego go tsheregeganya. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : KASANE
Event : Potsolotso
Date : 10 Apr 2019




