Khansele e rutuntsha ba dikole
10 Apr 2019
Mothusa modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Lathang Molonda, a re badiri ba dikolo ba e seng barutabana ba botlhokwa mo kgodisong ya ngwana.
Rre Molonda o buile se kwa Maun kwa badiri ba dikolo ba e seng barutabana ba neng ba tsene ithutuntsho e e neng e remeletse mo botsogong jwa tlhaloganyo le matshelo a batho.
A re puso e bone go le mosola go nonotsha batlhokomedi ba baithuti ka ba le botlhokwa mo kgodisong ya ngwana.
Rre Molonda a re go maleba gore badiri ba, ba nonotshiwe mo maikutlong gore ba kgone go fenya dikgwetlho tse di amang baithuti.
O ne a kgothatsa batsena dithuto go tsaya karolo ba le matlhagatlhaga gore ba tle ba kgone go tokafatsa maduo.
A re ithuthuntsho e, e tlaa thusa batsayakarolo go itse gore ba ka thusa jang bana mo diemong tse ba lebaneng natso ka go farologana.
Moemedi go tswa kwa lephateng la tshireletso ya matshelo a batho, Rre Moffat Nkgari a re dithuto tse di botlhokwa ka di na le seabe se segolo mo go thuseng bana go nna le boikarabelo.
A re bana mo Africa ba lebanwe ke dikgwetlho, ka jalo ba tshwanetse go nna le dikitso tse di tlaa ba thusang go itsetsepela.
O tlhalositse fa dithuto tse di file batlhokomedi ba bana ba e ka tswang e le masika, ditsala, barutabana le batlhokomedi ba baithuti ba ba nnang kwa dikoleng dikitso tsa go tlhokomela baithuti.
Ithuthuntsho e fa sebaka sa go nonotsha botsalano jwa bana le ba malwapa a bone le setshaba.
Mogolwane wa tsa kapei le tlhokomelo ya lelwapa kwa khanseleng ya Bokone Bophirima, Rre Sekgwake a re kgodiso ya ngwana e simologa fela fa a santse a imilwe, ka jalo batsadi ba tshwanetse go nna kelotlhoko go tloga ka nako eo.
Rre Sekgwake a re bana ba tshwanetse go gakololwa pele ba ya go nna kwa sekolong ka dilo tse di ka ba amang mo kgolong ya bone di tshwana go sa tlwaela ba bangwe, go rotela dikobo le tshakgalo e e feteletseng.
A re dikeletso tsa ngwana le tsone di tshwanetse go nna di beilwe leitlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MAUN
Event : Ithutuntsho ya badiri ba sekolo
Date : 10 Apr 2019




