Kgang e a kukela kwa Mogononong
10 Apr 2019
Mapodisi a Thamaga a mo patlong ya batho bangwe ba ba tlhorontshang banni ba masimo a Mogononong gaufi le Kumakwane kwa kgaolong ya Kweneng.
Mogolwane wa Mapodisi a Thamaga, Superintendent Moses Kwarare, a re sebe sa phiri ke tlhaelo ya bodiredi le ditsompelo jaaka dikoloi.
Le fa go ntse jalo, a re ba beile seemo leitlho go thusa morafe jaaka go tshwanetse.
Kgang kgolo ke gore batho bangwe ba ba utswang motlhaba wa molapo ba tlhorontsha banni ka go ba tshubela matlo le go ba tshosetsa matshelo.
Bosheng go tshubilwe matlo a le mararo mo malwapeng a mabedi aa farologanyeng.
Go belaesega fa tiragalo e, e dirwa ke batho bangwe ba ba reng banni ba ba kgoreletsa go epa motlhaba mo molapong wa Metsimotlhabe.
Go bolelwa fa mongwe wa babelaelwa, yo go kaiwang e le motswakwa, a ne a tlhasela lelwapa la ga Mme Kelemogile Batsietsi ka go tshuba ntlo e e neng ya sha ya ba ya lora.
Seemo se, se ne sa tlama bogogi jwa kgaolo potlana ya Mogoditshane/Thamaga go tshwara phuthego ya tshoganetso ka Labotlhano.
Bogogi kwa phuthegong eo, bo ne bo akaretsa modulasetilo wa khansele potlana, Rre Dukes Mafhoko, molaodi Rre Gobe Macha le mapodisi.
Le fa go ntse jalo, e ne ya re phularong ya bogogi jwa kgaolo, ga tshujwa matlo a mabedi a lelwapa la ga Rre Goitsemodimo Motsewabeng.
Se, ke sone se tlogetseng banni ba masimo a Mogononong ba jele magala.
Ba re fa maphata aa lebaneng a sa ba emele ka dinao, ba tlaa ipusolosetsa.
Bangwe ba bone ba boletse mo potsolotsong fa ba itshokile mme jaanong ba ba baletswe.
Modulasetilo wa komiti e lwantshang borukutlhi kwa kgaolong eo, Rre Moffat Letsholo, a re ba ne ba na le tsholofelo ya gore ba ba lebaneng ba tlaa tsaya boikarabelo jwa go tlhomamisa pabalesego ya bone mme ga go nko ee tswang lemina.
A re mapodisi a kgaolo ya Thamaga a goga dinao go ba thusa ebile ba sireletsa batlhasedi ka go ikgatholosa bothata jo banni ba iphitlhelang ba le mo go yone.
“Re ipotsa gore a dikgato tse di maleba di tla tsewa fa go setse go sule motho ka jaana re ne ra supa gore matshosetsi a batho bao a a tshela, mme ra ikgatholosiwa go fitlhela bothata joo bo ipoeletsa”, ga tlhalosa Rre Letsholo.
Kgosana wa kgaolo, Rre Masega Thobega ene o solofeditse fa atlaa tsibogela kgang eo ka go tsaya dikgato tse di maleba.
A re o simolotse ka go kgalema ngwana wa gagwe yo go kaegang a amega mo dikgannyeng tseo.
Banni bangwe ba tlhalosa fa ba tshelela mo poifong e bile ba tlamega gonna ka digongwana bosigo le motshegare ka jaana ba tsweletse ka go amogela matshosetsi.
Molaodi wa kgaolo potlana ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Gobe Macha, a re e re le ntswa ba tsweletse ka go batla tharabolo ya sennela ruri, tsholofelo ke gore ba tlaa ntsha setlhopha go baa seemo leitlho bosigo le motshegare.
Fa a ntsha la gagwe modulasetilo wa khansele potlana, Rre Mafoko a re ba ne ba tsibogela seemo seo ka go thusa ba ba amegileng ka dijo le diaparo.
Fela a re o tlhobaediwa ke gore mapodisi a goga dinao go thusa morafe go tila tshololo ya madi.
O solofeditse go tseela kgang kwa pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : KUMAKWANE
Event : Potsolotso
Date : 10 Apr 2019




