Go akgola mmereki konokono
09 Apr 2019
Motlhatlhelela dithuto tsa Sekgoa kwa unibesithing ya Botswana, Professor Thapelo Otlogetswe, a re go botlhokwa gore maphata a puso a kgothatse badiri ka go leboga ba ba dirang ka natli.
Fa a bua kwa moletlong wa kabo dieetsele ya khansele ya kgaolo ya borwa kwa Kanye bosheng, Prof. Otlogetswe a re go botlhokwa gore bodiredi jwa puso bo kgothadiwe ka e le bone bakgweetsi ba mmammang ba mananeo a puso.
A re modirelapuso ope fela yo o sa itumelang ga a kake a nna le seabe mo go thuseng puso go fitlhelela maitlamo a yone.
Ka jalo, Prof. Otlogetswe o akgotse maiteko a khansele a go godisa tsamaiso ya go dira ka natla ka go atswa ba ba dirileng sentle.
O tlhalositse fa kabo dietsele eo e ne e itebagantse le ba ba dirileng sentle ngogola.
Prof. Otlogetswe o gakolotse badiri bao go dira ka boitekanelo, thokgamo le botlhoka-kgopo go sa kgathalesege gore a mongwe o ba beile leit.ho kana nnyaya.
“Le maoto le sefatlhego sa ga puso, fa lo sa nne maoto a a bofefo fa lo thusa badirisani ka tlotlo, pheletsong ba tlaa bo ba latlhegelwa ke tshepo mo go pusong,” a tlhagisa jalo.
Go gatelela ntlha ya gagwe, o file sekai ka monna mongwe wa Mojeremane yo o neng a etela mmetli mme a makadiwa ke gore bongapo jo e seng jwa sepe mo setshwantshong se se boleele jwa dimethara di le lesome bo dirile gore se seka sa dirisiwa ka jalo mmetli yo a tlamega go simolola sesha.
“Fa ele gore modingwana o, o boleele go le kalo, emang a tlaa itseng gore o ngapilwe mo nkong,” Mojeremane a botsa mme mmetli a mo fetola ka monyenyo a re, “ke tlaa itse.”
Prof. Otlogetswe a re go dira ka botswapelo go tswa botengnyeng jwa motho.
O gakolotse khansele go netefatsa fa dietsele e le tsa ba ba dirileng ka bokgabane gore di nne le boleng go botlhe ba ba di amogetseng le ba ba sa kgonang go filthelela.
Prof. Otlogetswe are khansele e ka fitlhelela maitlamo a yone fa bodiredi jwa yone bo ka nna seopo sengwe go tswa kwa tlase go ya godimo.
Mothusa modulasetilo, Rre Thamiso Chabalala o gakolotse bodiredi gore bone maitlamo ke go thusa setshaba ka natla.
Rre Chabalala o gwethile bagolwane go thusa ba ba ba okametseng go itshepa.
A re go botlhokwa gore bagolwane ba rurifatse fa mongwe le mongwe a itse tiro gore go se itshupe fa mongwe a seyo.
A re fa o ka bona e re fa motho a sa theogela a bo a leletsa kwa madirelong a tlhola gore a dilo di apere tshiamo, se e a bo e le sesupo sa gore sengwe ga se dirwe sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : KANYE
Event : Moletlo
Date : 09 Apr 2019




