Masisi o kopa Norway go oketsa theko
09 Apr 2019
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o kopile lefatshe la Norway go sekaseka go oketsa seelo sa nama ya kgomo e Botswana e e rekisang koo.
O buile se fa a ne a kopane le mothusa tona wa tsa mafatshe a sele wa kwa Norway, Mme Marriane Hagen bosheng.
Rre Masisi a re o na le tsholofelo ya gore Norway o tlaa rotloetsa Botswana go godisa le go kabakanya ditswa kgomong.
A re Botswana o na le nama ya boleng jo bo kwa godimo e e kgonang go iteisana borathana mo mmarakeng wa mafatshefatshe.
Tautona a re Norway o boikanyego ka jalo Botswana o itlhophetse go bereka le ene ka mafatshe oo mabedi a kile a nna le dipuisano ka madirelo a tsa nama ya kgomo.
Dr Masisi o tsweletse a kopa lefatshe leo go nna le boeteledipele jwa sepolotiki jo bo ka nnang le seabe se se itebagantseng le go tlhama ditiro go itebagantswe le dialogane tse di sa berekeng.
“Go ditiro ke kgwetlho e tona ka jalo re kopa botsalano le ba ba nang le bokgoni le boeteledipele jwa sepolotiki jo bo ka lekang go ka re thusa,” a tlatsa jalo.
Dr Masisi a re fa Norway e ka dirisana le Botswana, go ka nna le kgonagalo ya go oketsa boleng jwa ditswa nameng, go remeletswe ka fa e dirwang ka teng go lebilwe se mmaraka wa Norway o se batlang.
Ka jalo, tautona a re se se tlaa fa Botswana sebaka sa go akaretsa go rekisiwa kwa ntle ga lefatshe ga nama ya nku le podi.
Dr Masisi o ne a kopa Norway go emisa thulaganyo ya Generalised System Preference ka e sa tlame lefatshe leo mo tumalanong ya papadisanyo epe fela, mme fa ba ka tswa se se ka thusa lefatshe leno thata.
Tautona o akgoletse Norway tsamaiso e ntle ya letlole la lefatshe a tlatsa ka gore lefatshe leo le ka thusa Botswana go tswelwa mosula ke mahumo a ditswa mmung.
Go sale jalo, Mme Hagen a re lefatshe la gaabo le Botswana a akola botsalano jo bontle.
A re Norway e tlaa lebelela mehama e e ka dirisanyang le Botswana mo go yone thata e remeletse mo tirisong ya marang a letsatsi ka lefatshe leo le na le botsipa jo bo tseneletseng.
Mme Hagen a re mohama wa kgotetso wa sennelaruri ke mongwe o o ka sekasekwang.
O tlhalositse fa Norway e le mo dipuisanong le mafatshe a a mo lekgotleng la Southern Africa Customs Union ka maikaelelo a go dira ditumalano tsa papadisano, mme Botswana o ka anywa sengwe.
A re o buisantse le Tautona Masisi ka dikgang tse di amang tsa papadisano ka ebile mafatshe oo mabedi a le mo lekalaneng la papadisano la mafatshefatshe.
“Rotlhe re tlhokana le melawana re lebile molao wa papadisano wa mafatshe gore re tle re fitlhelele go rekisa le go reka kwa mafatsheng a mangwe ka ebile rotlhe re le mafatshe a itsholelo e potlana,” a tlhalosa jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Bokopano
Date : 09 Apr 2019




