Breaking News

Batswana ba kgatlhegela go ithuta Sefora

08 Apr 2019

Moemedi wa lefatshe la France, Rre Pierre Voillery, a re go nnile le koketsego ya Batswana ba ba kgatlhegelang go ithuta Sefora. 

Fa a bua kwa kalosong ya dialogane tsa DELF Junior mo Gaborone bosheng, Rre Voillery a re ngogola, Alliance Francaise Gaborone e kwadisitse baithuti ba le makgolo a mabedi masome a matlhano le motso ba dingwaga tse di farologaneng le go tsena dithuto ka go tlhatlologana ga tsone fa go tshwantshanngwa le ba le lekgolo lesome le botlhano ngogotlola. 

Go simolola kwa dikolong tsa puso tse di potlana go ya kwa go tse di kgolwane, a re baithuti ba le dikete tse tharo makgolo a mabedi le borataro ba rutuntshiwa puo ya Sefora ke barutabana ba ka tshwara lekgolo le masome a mane. 

A re ofisi ya gagwe e lomagane le ba French Institute, Mmadikolo, mokgatlho wa barutabana ba Sefora, Alliance Francaise Gaborone le ba lephata la thuto go tswa moding go rutuntsha barutabana. 

A re bokopano jwa malatsi a mabedi bo tlaa tswarwa ka kgwedi ya Phukwi monongwaga kwa e tlaa reng bo wela go ntshiwe buka e e tlaa phatlaladiwang le dikolo tsotlhe tse di rutang puo e.

Rre Voillery a re ofisi ya gagwe e itumedisiwa ke go bo e na le seabe go diragatsa toro ya Batswana ba ba kgatlhegelang go ithuta Sefora ka jalo kgatlhego e e supa karolo e e botlhokwa mo matshelong a Batswana. 

Mookamedi wa Alliance Francaise, Mme Aurelle Gbeffa a re go ithuta puo e ntsha ke go tsalana le batho ba bangwe le go amogela dipharologanyo. Mme Gbeffa o tshwaetse gore ngwaga le ngwaga ka Mopitlo ba ipelela beke ya Francophonie ka meletlo e e farologanyeng jaaka kaloso ya dialogane. 

Ntle le meletlo, are monongwaga ba dirisanya le batho ba Congo ba ba mono ka jalo ba rulagantse setshwantsho sa motshikinyego se se ga gasiwang mo Botswana Television. 

Tse dingwe di akaretsa go iteisana borathana ga baithuti ba dikolo tse digolwane tsa Naledi le Ledumang, maitiso a mmino a Fete de la Musique kana bokopano jwa bo mmotlana ka malatsi a paseka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Kaloso Dialogane

Date : 08 Apr 2019