Tsheko o rotloetsa lekgotla go tswa ka methale ya go dira madi
08 Apr 2019
Komiti ya botsamaisi jwa lekgotla la Babereki Savings and Credit Cooperative Society (SACCOS) e rotloeditswe go tswa ka methale ya go direla koporase eo madi.
Fa a bua kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa koporase eo ka Matlhatso, motshwarelela mookamedi wa lephata la tlhabololo dikoporase, Rre Boniface Tsheko o boletse fa go le botlhokwa gore boeteledipele jwa SACCOS bo oketse madi a morokotso o o dirwang ka madi a dikadimiso le dibanka.
“Se se ga se gore re seka ra tswelela ka go dira morokotso ka maloko,” go bua Rre Tsheko.
Bokopano jo bo ne bo diretswe maloko gore a kopane go buisanya ka go ya pele ga mokgatlho le go dira moalo wa go ya pele.
Rre Tsheko o kopile maloko gore ba rarabolole tsotlhe tse di amang mokgatlho wa bone ka manontlhontlho ba se na poifo kana go tlhomogela ope pelo.
A re SACCOS e rotloetsa mowa wa poloko madi mo malokong, ka jalo, “ke ka rurifatsa gore SACCOS ke tsela e e isang kgololesegong mo go tsa madi.”
Gore SACCOS e fitlhelele maitlamo a yone, Rre Tsheko a re maloko a tshwanetse go rurifaletswa gore dipeelo tsa one di sireletsegile ebile ga di dirisiwe botlhaswa.
A re go supa fa tsamaiso e e sokameng ya tiriso botlhaswa ya madi a maloko a a mo dikoporaseng e tsweletse.
A re Babereki SACCOS e ntse e sa dire mo go bayang pelo ka jalo se se ka itsa mokgatlho go fitlhelela maitlamo a one.
Ngwaga tse pedi tsa madi tse di fetileng, Rre Tsheko a re pego ya badupi ba dibuka e ne e supa fa Babereki SACCOS e dirile ditatlhegelo tse di fetang dikete di le makgolo a mararo, masome a mane le botlhano a dipula mo sebakeng sa kgwedi di le lesome le borobabobedi tse di neng di wela Moranang ngogotlola.
Ngogola go ne ga nna le kgolo e e neng e feta sephato sa sedikadike sa dipula. Maduo a, a re ga a nametse ka mokgatlho o ka nna wa phutlhama.
Ka jalo, o gakolotse gore ba boele marakanelong, ba baakanye tsotlhe gore ba kgone go tshepiwa ke maloko, a tlatsa ka gore keletso ya gagwe ke go bona Babereki SACCOS e boetse kwa go direng dipoeleo gore e tle e kgone go diragatsa maitlamo a yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Bokopano jwa SACCOS
Date : 08 Apr 2019




