Sekasekang bukana ya batlhopi
08 Apr 2019
Molaodi wa kgaolo ya Chobe, Mme Sekgabo Makgosa, o kopile botlhe ba ba ikwadiseditseng ditlhopho go sekaseka bukana e e supang maina a batlhophi e e tlaa bewang kwa dikgotleng.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Parakarungu bosheng, Mme Makgosa o boletse fa maikaelelo e tlaa bo e le go netefatsa gore dintlha tsa botlhokwa ka motlhophi di kwadilwe, mme diphoso di baakanngwe go itsa bothata ka letsatsi la ditlhopho.
O boleletse batsena phuthego eo fa go tlaa nna le ditlhopho tsa tlaleletso Moranang a tlhola lesome le botlhano go tsena a le masome mabedi le boferabobedi kwa matlhophelong otlhe.
Mme Makgosa o kgothaditse banni go ikwadisa ka dipalo tse di kwa godimo gore ba nne le seabe mo pusong ya batho ka batho le go itlhophela puso e ba e batlang.
E re dikgang di eme jalo, o boleletse banni fa maikaelelo a phuthego e ne e le gore a itse ka tse di ba amang le gone go ba itse ka a le mosha mo kgaolong.
O tlhalositse fa go itse mathata a bone go ka mo thusa go ba lomaganya le maphata a a lebaneng go atametsa ditirelo kwa go bone.
A re go botlhokwa gore e re fa banni ba na le mathata ba ikgolaganye le maphata a a lebaneng go na le go emela diphuthego tsa kgotla.
Fa a amogela baeng, Kgosi Johane Chika III o akgoletse Mma Makgosa go ikitsise banni, a tlatsa ka gore o na le lesedi la tse di amang kgaolo ka jaana a kile a direla mo kgaolong e.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Thabo Zambo a re o tlhobaediwa ke letlhoko la boroko la badirelapuso, a tlatsa ka gore mooki wa bobedi ga a ise a simolole go theogela ntateng ya letlhoko la boroko.
O bile a ngongoregela go nna bonya ga tiro ya kago ya letangwana la ditlhapi la lenaneo la nyeletso lehuma.
Mongwe wa banni, Rre Josias Kavuma o kopile molaodi gore mo maitekong a gagwe a go atlametsa ditirelo kwa bathong a laletse bodiredi jwa khamphane ya metsi.
A re go maleba gore khamphane ya metsi e itsise banni ka lenaneo la bone la go gorosa metsi kwa go bone.
Rre Kavuma o ngongoregetse gore go na le dikgomo tse di gobetseng fa tse dingwe di sule kwa mogotlheng wa lephata la twantsho matlhoko a leruo fa dikgomo di kentiwa mme ba sa ntse ba letile dikatso.
Rre Johnson Mabuta ene o kopile lephata temo thuto go ba itsise ka lenaneo la go agelela masimo a balemi ba ba ikopantseng.
Rre Mabuta o bile a ngongoregela gore e sale ba tshepisiwa gore sengwe sa dikolo tsa mophato wa ntlha go ya kwa go wa boraro se tlaa fetolwa go akaretsa mephato yotlhe mme seo ga se ise se diragagdiwe.
Rre Benjamin Serome a re go nna bonya ga paakanyo ya tsela ya Kachikau/Parakarungu go ba baya ka fa mosing ka ba bona ditlhabololo ka go rotha.
Rre Chris Kakambi a re ba ntse ba letile tanka e nngwe ya metsi e e tlaa fedisang selelo sa bone sa letlhoko la metsi.
Fa a araba dilelo tsa banni, Mme Makgosa a re o filwe pego ka kagelelo ya masimo, sebe sa phiri ke gore yo o neng a filwe tiro eo o paletswe ke go e wetsa.
A re kgang ya sekolo se se tlaa akaretsang mephato yotlhe e a sekasekwa fa kago ya tangwana ya ditlhapi yone e diilwe ke letlhoko la didirisiwa tsa kago.
Kgosi Richwell Nkonkwena o lebogetse molaodi go bo a ipone tsapa go tla go buisa morafe.
Fa a akgela mo tlhaelong ya metsi, Kgosi Nkonkwena a re sebe sa phiri ke gore banni le bone ba na le seabe ka ba nosa leruo la bone mo dipompong, selo se a reng ga se amogelesege. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : PARAKARUNGU
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 08 Apr 2019




