Breaking News

Kgosana o rotloeditswe go emelelana le diemo tsotlhe

04 Apr 2019

Rre Keamogetse Mokhiwa yo o tlhomilweng kgosana ya tetlanyo ya Makgalo gaufi le Toteng, o rotloeditswe go emela diemo tsotlhe tse di tlang ka morafe.

Thotloetso eo e dirilwe ke dibui kwa peong ya ga Rre Mokhiwa kwa Makgalo bosheng.

Mothusa Molaodi wa Bokone Bophirima, Rre Ramogaupi Gaborekwe o rotloeditse Kgosi Mokhiwa go bereka sentle le batho ba ba farologaneng ka maikutlo le mekgwa.

Rre Gaborekwe a re go botlhokwa gore a tsee ditshwetso tse di tsepameng mo molaong le tsamaiso, gore ere le fa di sa itumedise bangwe, ene a bo a ka itshwarelela ka se se tshwanetseng, a tlatsa ka go re boeteledipele bo batla motho yo o sa sokameleng kwa letlhakoreng lepe.

A re bogosi bo teng le mo Baebeleng, ka jalo a gakolola Rre Mokhiwa go reetsa taolo ya Modimo le go reetsa bakaedi ba a ba fithelang mo tirong eo.

Fa a gakolola Kgosana Mokhiwa, Moruti Tendani Manyiwa wa kereke ya Head Mountain o ne a re a seka a busolosa bosula fa bangwe ba sa mo tlotle.

Moruti Manyiwa o ne gape a mo gakolola gore a rarabolole dikgotlhang a sa sokamele gope, e bile a re a itse fa a ya go dira le batho ba ba farologanyeng le ka ditumelo tota.

O ne a tlatsa ka go re Modimo ke ene a dirileng gore batho ba nne le boeteledipele ka go fa bangwe taolo.

Fa a amogela thomo, Kgosana Mokhiwa o ne a tlhalosa fa a sale a simolotse boithaopo mo Makgalo ka 1977 a sa le monana.

A re morago o ne a bona tiro kwa ofising ya molaodi ka 1980 go fitlhelela 1991 a tlogela tiro, ka jalo a tsweledisa boithaopo jwa komiti ya ditlhabololo 1992 go fitlhelela 2007 ba Mokgalo ba mo tlhopha go nna moletlanyi.

A re o leboga Modimo le botlhe ba ba mo emeng nokeng, mme a tshepisa go dira se a se kopilweng ke dibui.

A re o motlotlo ka ga e golelwe ka e mo rutile go bala le go kwala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Peo ya Kgosana

Date : 04 Apr 2019